Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 RUTA BANA BA GAGO

Modimo a ka Utlwa Botlhoko—Kafa Re ka Dirang Gore a Itumele ka Teng

Modimo a ka Utlwa Botlhoko—Kafa Re ka Dirang Gore a Itumele ka Teng

A o kile wa utlwa botlhoko thata mo e leng gore o ne wa lela? * Ga go pelaelo gore rotlhe re kile ra utlwa botlhoko. Mme gone, ka dinako tse dingwe re ka tswa re sa utlwe botlhoko mo mmeleng. Mongwe a ka bua dilo tse di sa siamang ka rona tse di seng boammaaruri. A seo se ka se go utlwise botlhoko?— Modimo le ene a ka utlwa botlhoko fa batho ba bua maaka ka ga gagwe. Mma re bue ka seno mme re bone gore re ka itumedisa Modimo jang go na le gore re mo utlwise botlhoko.

Baebele ya re batho bangwe ba ba neng ba re ba rata Modimo ba ne ba “mo utlwisa botlhoko.” Ee, ‘ba ne ba utlwisa Modimo botlhoko!’ Le fa go ntse jalo, ga go na ope yo o ka kgonang go utlwisa mmele wa ga Jehofa Modimo botlhoko. Ke mothatayotlhe. Ka jalo, mma re bone gore ke ka ntlha yang fa Jehofa a utlwa botlhoko fa re sa dire se a se batlang.

Batho ba ntlha ba babedi ba Jehofa a ba bopileng mo lefatsheng ba ne ba mo utlwisa botlhoko thata. Batho ba babedi bano ba ne ba bewa mo Paradaiseng e e mo lefatsheng e e neng e bidiwa ‘tshingwana ya Edene.’ Batho ba babedi bano e ne e le bomang?— Ee, e ne e le Adame mme moragonyana ga tla Efa. Mma re bone gore ba dirile eng go utlwisa Jehofa botlhoko.

Fa Jehofa a sena go ba baya mo tshingwaneng eo, o ne a ba raya a re ba e tlhokomele. Gape o ne a ba bolelela gore ba ka nna le bana mme ba tshele mmogo mo tshimong eo ba sa swe. Mme pele ga Adame le Efa ba nna le bana, go ne ga direga sengwe se se bosula thata. A o itse gore go diragetse eng?— Moengele mongwe o ne a tlhotlheletsa Efa mme moragonyana a tlhotlheletsa le Adame go tsuologela Jehofa. Mma re bone gore seno se diragetse jang.

 Moengele yono o ne a dira gore go lebege e kete noga e a bua. Efa o ne a rata se a se utlwang—noga e ne ya re o tla “tshwana le Modimo.” Ka jalo, o ne a dira se noga e neng e mmolelela gore a se dire. A o a itse gore e ne e le eng?

Efa o ne a ja ga setlhare se Jehofa a neng a boleletse Adame gore ba se ka ba ja mo go sone. Pele ga Modimo a bopa Efa, o ne a reile Adame a re: “O ka nna wa ja mo setlhareng sengwe le sengwe sa tshingwana gore o bo o kgotsofale. Mme fa e le setlhare sa kitso ya molemo le bosula sone o se ka wa ja mo go sone, gonne ka letsatsi le o jang mo go sone ruri o tla swa.”

Efa o ne a itse molao oo. Le fa go ntse jalo, o ne a nna a leba setlhare mme a bona se le “molemo go ka jewa le gore e ne e le selo se se eletsegang mo matlhong . . . Ka jalo a tsaya leungo la sone mme a le ja.” Moragonyana a naya Adame leungo mme “le ene a le ja.” O akanya gore ke ka ntlha yang a dirile jalo?— Ke ka go bo Adame o ne a simolotse go rata Efa go feta kafa a ratang Jehofa ka teng. O ne a tlhopha go itumedisa ene go na le gore a itumedise Modimo. Mme go ikobela Jehofa go botlhokwa go na le go ikobela motho ope o sele!

A o gakologelwa noga e e neng ya bua le Efa? Fela jaaka motho a ka dira gore go lebege e kete mpopi o a bua, mongwe o ne a dira gore go lebege e kete noga e a bua. E ne e le lentswe la ga mang le le neng le utlwala mo nogeng?— E ne e le lentswe la “noga ya kwa tshimologong, e e bidiwang Diabolo le Satane.”

A o itse gore o ka dira jang gore o itumedise Jehofa?— O ka dira seo ka go leka go mo ikobela ka dinako tsotlhe. Satane a re a ka dira gore mongwe le mongwe a dire se ene a se batlang. Ka jalo, Jehofa o re rotloetsa jaana: “Tlhalefa morwaaka [kgotsa morwadiake], mme o ipedise pelo ya me, gore ke tle ke fetole ene yo o nkgobang.” Satane o kgoba Jehofa kgotsa o a mo sotla. A re a ka dira gore mongwe le mongwe a tlogele go direla Jehofa. Ka jalo, itumedise Jehofa ka go mo ikobela le go mo direla! A o tla leka ka natla go dira jalo?

^ ser. 3 Fa o bala le ngwana, letshwao la thaladi le go gakolola gore o eme mme o mo kgothaletse go ntsha maikutlo a gagwe.