Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 KGANG YA BOTSHELO

Go Bona Maatla mo Bokoeng Jwa Me

Go Bona Maatla mo Bokoeng Jwa Me

Fa batho ba bona mmele wa me o o bokoa wa dikilogerama di le 29 mo setulong sa maotwana, ga ba akanye gore ke motho yo o nonofileng. Mme fa mmele wa me o ntse o felelwa ke maatla, maatla a me a a kafa teng ke one a a nnonotshang. Mma ke tlhalose kafa nonofo le bokoa bo ileng jwa ama botshelo jwa me ka teng.

Ke na le dingwaga di le nnè

Fa ke akanya ka nako ya fa ke ne ke sa le ngwana, ke gakologelwa dinako tse di itumedisang mo ntlong ya maemo a a kwa tlase kwa borwa jwa Fora, kwa batsadi ba me ba neng ba nna gone. Rre o ne a ntirela moswinki mme ke ne ke rata go nna ke tabogaka mo tshingwaneng. Ka 1966, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba re etela kwa gae mme ba nna le motlotlo o moleele le Rre. Dikgwedi di le supa fela morago ga foo, Rre o ne a swetsa ka gore a nne Mosupi. Go ise go ye kae, Mmè le ene o ne a latela sekao sa gagwe mme ba ne ba nkgodisetsa mo lelapeng le le itumetseng.

Bothata jwa me bo ne jwa simolola ka bonako fela fa re sena go boela kwa Spain, naga e batsadi ba me ba tswang kwa go yone. Ke ne ka simolola go nna le ditlhabi mo diatleng le mo magwejaneng. Morago ga dingwaga di le pedi re ntse re ya kwa dingakeng di le dintsi, re ne ra bona ngaka e e tumileng ya malwetse a ramatiki, yo o neng a bolela jaana ka tsela e e masisi: “Go setse go le thari.” Mmè o ne a simolola go lela. Ke ne ka utlwa go buiwa mafoko a a sa tlwaelegang a a jaaka bolwetse jo bo sa foleng jo masole a mmele a lwantshang disele le “juvenile polyarthritis,” * mo phaposing eo e e tsididi e e se nang botshelo. Mme le fa ke ne ke le mosetsanyana wa dingwaga di le lesome, yo o sa tlhaloganyeng dilo tse dintsi tse di buiwang, ke ne ka lemoga gore maemo a maswe.

Ngaka e ne ya akantsha gore ke ye go newa kalafi kwa bookelong jwa malwetse a a sa foleng a bana. Fa ke goroga, moago ono wa maemo a a kwa tlase o ne wa nkgoba marapo. Molao wa koo o ne o gagametse: Baitlami ba ne ba nkgaola moriri mme ba nkapesa diaparo tse di maswe. Ke ne ka akanya jaana ke geletse dikeledi mo matlhong: ‘Ke tla tshela jang mo lefelong leno.’

JEHOFA E NNA MOTHO WA MMATOTA MO GO NNA

E re ka batsadi ba me ba ne ba nthutile go direla Jehofa, ke ne ka gana go nna le seabe mo meetlong ya Katoliki kwa bookelong jono jwa bana. Baitlami ba ne ba sa kgone go tlhaloganya gore ke ka ntlha yang fa ke ne ke gana. Ke ne ka kopa Jehofa gore a se a ka ntatlha mme go ise go ye kae ke ne ka utlwa letsogo la gagwe le le sireletsang le le lorato, jaaka e kete ke tlamparelwa ke rre yo o lorato.

Batsadi ba me ba ne ba letleletswe go nketela ka lobakanyana lo lokhutshwane ka Matlhatso. Ba ne ba ntlisetsa dikgatiso tsa Baebele tse nka di balang go nonotsha tumelo ya me. Gantsi bana ba ne ba sa letlelelwe go nna le dibuka tsa bone mme baitlami ba ne ba ntetla gore ke nne  le tsone mmogo le Baebele mme ke ne ke di bala letsatsi le letsatsi. Gape ke ne ke bua le basetsana ba bangwe ka tshofelo ya me ya go tshelela ruri mo lefatsheng la Paradaise, kwa go tla bong go se na ope yo o lwalang. (Tshenolo 21:3, 4) Le fa ka dinako tse dingwe ke ne ke ikutlwa ke hutsafetse e bile ke jewa ke bodutu, ke ne ke itumela ka go bo tumelo ya me le tsela e ke ikanyang Jehofa ka yone e ne e gola.

Morago ga dikgwedi tse di leele tse thataro, dingaka di ne tsa nthomela gae. Bolwetse jwa me ga bo a ka jwa tokafala mme ke ne ke itumeletse go boa ke nna le batsadi ba me gape. Ditokololo tsa me di ne tsa golafala le go feta mme le ditlhabi di ne tsa oketsega. Ke ne ka simolola dingwaga tsa me tsa bolesome ke le bokoa thata. Mme fa ke le dingwaga di le 14, ke ne ka kolobediwa ke ititeile sehuba go dira sotlhe se nka se kgonang go direla Rre wa me yo o kwa legodimong. Le fa go ntse jalo, ka dinako dingwe ke ne ke akanya gore o ntshwabisitse. Ke ne ka rapela jaana: “Goreng seno se diragalela nna, ke kopa gore o mphodise. A ga o bone gore ke boga go le kana kang?”

Nako ya bosha ke yone e neng e le thata tota mo go nna. Ke ne ka tshwanelwa ke go amogela gore nka se fole. Ke ne ke ipapisa le ditsala tsa me tse di nang le botsogo jo bontle e bile di itumelela botshelo. Ke ne ke inyatsa e bile ke tlhabiwa ke ditlhong. Le fa go ntse jalo, ba lelapa la gaetsho le ditsala ba ne ba nkema nokeng. Ke gakologelwa sentle Alicia—yo o mphetang ka dingwaga di le 20—yo o neng a nna tsala ya me ya mmatota. O ne a nthusa gore ke se ka ka nna ke akantse thata ka bolwetse jwa me, mme ke kgatlhegele batho ba bangwe.

GO BATLA DITSELA TSA GO DIRA GORE BOTSHELO JWA ME BO NNE LE BOKAO

Fa ke na le dingwaga di le 18, ke ne ka koafala thata, mo e bileng go ya dipokanong tsa Bokeresete go neng go ntapisa. Le fa go ntse jalo, ke ne ka dirisa nako e ke neng ke na le yone kwa gae ka botlhale gore ke ithute Baebele ka kelotlhoko. Buka ya ga Jobe le ya Dipesalema di nthusitse go tlhaloganya gore gone jaanong Jehofa Modimo o re tlhokomela ka dilo tse re di tlhokang semoyeng go na le tse re di tlhokang mo nameng. Go rapela ka metlha go dirile gore ke nne le “maatla a a fetang a a tlwaelegileng” le “kagiso ya Modimo e e gaisang kakanyo yotlhe.”—2 Bakorintha 4:7; Bafilipi 4:6, 7.

Fa ke na le dingwaga di le 22, ke ne ka tshwanelwa ke go amogela gore ke tla fetsa botshelo jwa me ke dirisa setulo sa maotwana. Ke ne ke boifa gore batho ba ka se tlhole ba nkgathalela mme ba tla bona fela mosadi yo o lwalang yo o tsamayang ka setulo sa maotwana. Le fa go ntse jalo, setulo sa maotwana se ne sa nthusa gore ke kgone go dira dilo dingwe, mme selo se ke neng ke akanya gore e tla nna phutso e ne ya nna tshegofatso. Tsala ya me e bong Isabel o ne a akantsha gore ke ipeele mokgele wa go dira le ene mo bodireding diura di le 60 kgwedi e le nngwe.

Kwa tshimologong ke ne ka akanya gore kakantsho eo e ne e sa utlwale. Mme ke ne ka kopa Jehofa gore a nthuse e bile ke ne ka atlega ka ntlha ya thuso e ke e boneng go tswa mo lelapeng la gaetsho le ditsala. Kgwedi eo e ke neng ke tshwaregile thata mo go yone e ne ya kgabaganya ka bonako mme ka lemoga gore ke fentse letshogo le ditlhong tse ke neng ke na le tsone. Ke ne ka itumelela seo fela thata mo e leng gore ka 1996 ke ne ka swetsa ka gore ke nne mmulatsela wa ka metlha—go dira palo e e rileng ya diura kgwedi le kgwedi mo bodireding. Eno e nnile nngwe ya ditshwetso tsa botlhokwa tse ke di dirileng, e e neng ya dira gore ke atamalane le Modimo ke bo ke nne le maatla. Go nna le seabe mo bodireding go ne ga nthusa gore ke bolelele batho ba le bantsi ka tumelo ya me le go thusa ba bangwe gore e nne ditsala tsa Modimo.

JEHOFA O TSWELELA A NTSHEGEDITSE

Ka paka ya selemo sa 2001, ke ne ka amega mo kotsing ya sejanaga mme ka robega maoto oomabedi. Fa ke ntse ke robetse mo bolaong jwa kwa bookelong ke le mo ditlhabing tse dikgolo, ke ne ka rapela Jehofa ka tlhoafalo jaana mo sephiring: “Tsweetswee Jehofa, o se ka wa ntlogela!” Ka yone nako eo mosadi mongwe yoo neng a robetse gaufi le nna o ne a mpotsa jaana: “A o mongwe wa Basupi ba ga Jehofa?” Ke ne ke se na maatla a go bua, ka jalo, ke ne ka dumela fela ka tlhogo. O ne a re: “Ke a lo itse! Ke a tle ke bale dimakasine tsa lona.” Mafoko ao a ne a nkgomotsa tota. Le fa ke ne ke le mo diphateng tse di bolelo ke ne ka kgona go naya bosupi ka Jehofa. A bo seo e le tshiamelo jang ne!

Fa ke nna botokanyana, ke ne ka dira tshwetso ya go rera mo go oketsegileng. Mmè o ne a nkgarametsa ka setulo sa maotwana mo phaposing ya bookelo mme maoto a me a rwesitswe poleisetere. Re ne re etela balwetse ba le mmalwa letsatsi lengwe le lengwe, re ba botsa gore ba ikutlwa jang mme re bo re ba tlogelela dikgatiso tsa Baebele. Maeto ao a ne a lapisa mme Jehofa o ne a nnaya maatla a ke neng ke a tlhoka.

Ke na le batsadi ba me ka 2003

Dingwaga di le mmalwa tse di fetileng, ditlhabi tsa me di ne tsa oketsega mme go latlhegelwa ke Rre go ne ga  oketsa matshwenyego a me. Le fa go ntse jalo, ke leka go leba dilo ka tsela e e siameng. Jang? Fa go kgonega ke leka go nna le ditsala le ba losika, mme seo se dira gore ke se ka ka nnela go akanya ka mathata a me. Mme fa ke le esi ke ithuta Baebele kgotsa ke rerela ba bangwe ka founo.

Gantsi ke tswala matlho ke bo ke bula “fensetere” ya me ya sephiri ke leba lefatshe le Modimo a le solofeditseng

Gape ke leka go itumelela dilo tse dinnye, tse di jaaka go tlhabiwa ke pheswana e e monate mo sefatlhegong le go utlwa monko o o monate wa malomo. Dilo tseno di nnaya mabaka a go ipela. Go tshega le gone go nthusa fela thata. Ka letsatsi lengwe fa re le mo bodireding, tsala ya me e e neng e nkgorometsa ka setulo sa maotwana e ne ya ema gore e kwale ntlha nngwe. Ka ponyo ya leitlho ke ne ka kgokologa ka setulo sa maotwana mo mokgokoloseng mme ka thula koloi e e neng e eme. Roobabedi re ne re tshogile mme fa re lemoga gore ga go na kotsi e e diregileng, re ne ra swa ka ditshego.

Go na le dilo di le dintsi mo botshelong tse ke sa kgoneng go di dira. Ke di bitsa, dikeletso tsa me tse di iseng di diragadiwe. Gantsi ke tswala matlho ke bo ke bula “fensetere” ya me ya sephiri ke leba lefatshe le Modimo a le solofeditseng. (2 Petere 3:13) Ke akanya fa ke setse ke fodile, ke tsamayatsamaya e bile ke itumelela botshelo ka botlalo. Ke nna ke akantse ka mafoko ano a ga Kgosi Dafide: “Solofela mo go Jehofa; nna pelokgale mme o letle pelo ya gago e nonofe.” (Pesalema 27:14) Le fa gone mmele wa me o nna o koafalela pele, Jehofa o ntse a nnonotsha. Ke nna le maatla mo bokoeng jwa me.

^ ser. 6 Juvenile polyarthritis ke mofuta wa ramatiki e e sa foleng e e tshwarang bana. Masole a mmele a tlhasela le go senya dithishu tse di siameng mme seo se dira gore ditokololo di nne botlhoko le go ruruga.