Go Kopana ga Ditumelo Tse di Farologaneng—A ke Se Modimo a se Batlang?
“A bodumedi bo a re kopanya kgotsa bo a re kgaoganya? Potso eo e ne ya bodiwa babadi ba The Sydney Morning Herald. Mo go ba ba arabileng potso eo, bontsi jwa bone—diperesente di ka nna 89—ba ile ba re bodumedi bo a re kgaoganya.
LE FA go ntse jalo, batho ba ba emang nokeng kgopolo ya go kopana ga ditumelo tse di farologaneng ba leba seno ka tsela e e farologaneng. Eboo Patel yo e leng motlhami wa Interfaith Youth Core o ne a re: “Mpontshe bodumedi jo bo se nang kutlwelobotlhoko . . . , jo bo sa reng sepe ka tikologo . . . , jo bo sa reng sepe ka go tshola baeng sentle.”
Ke boammaaruri gore Babuda, Bakatoliki, Baporotesetanta, Bahindu, Bamoseleme le ba bangwe ba bantsi, ka dinako dingwe ba ne ba bereka mmogo go lwantsha tlala, go lwela ditshwanelo tsa batho, go nna kgatlhanong le go epelwa ga dibomo kgotsa go lemosa batho ka tikologo. Madumedi a a farologaneng a ile a kopana go tlotla kafa a ka rotloetsang kutlwano le go kgothatsana ka gone. A itumelela go se tshwane ga one ka go keteka meletlo ya go tshuba dikerese, mmino, dithapelo, jalo le jalo.
A go kopana ga madumedi ke yone tsela ya go fedisa ntwa e e leng teng mo madumeding? A go kopana ga ditumelo tse di farologaneng ke tsela ya Modimo ya go lere lefatshe le le botoka?
KE ENG SE SE KA DIRANG GORE MADUMEDI A UTLWANE?
Mongwe wa mekgatlho ya go kopana ga madumedi a a farologaneng o ikgantsha ka gore o na le maloko a a emelang ditumelo tse di fetang 200 le gore o dira mo dinageng di le 76. Maitlhomo a konokono a mokgatlho ono ke “go rotloetsa go itshokelana, go dirisana mmogo le go kopana ga ditumelo tse di farologaneng letsatsi le letsatsi.” Le fa go ntse jalo, seo se itshupile se se motlhofo go ka dirwa. Ka sekai, go ya ka barulaganyi, molaomotheo wa bone o ne wa tshwanelwa ke go kwalwa ka kelotlhoko e le gore o se ka wa kgopisa batho ba madumedi a mantsi a a saenileng setlankana seno. Ka ntlha yang? Ntlha nngwe ke gore go nnile le go sa dumalane ka gore a go tsenngwe Modimo mo molaomotheong oo kgotsa nnyaa. Kgabagare go umakiwa kgotsa go dirisiwa ga leina la Modimo go ne ga tilwa.
Fa e le gore mo molaomotheong oo Modimo o beetswe kwa thoko, tumelo e na le seabe sefe jaanong? Mo godimo ga moo, go kopana ga ditumelo tse di farologaneng go farologana jang le mekgatlho epe fela e e thusang batho kgotsa e e direlang ba bangwe molemo? Ke gone ka moo setlhopha se se umakilweng kwa godimo sa ditumelo tse di farologaneng se itlhalosang e le mokgatlho o o rotloetsang kutlwano e seng mokgatlho wa bodumedi.
A GO ROTLOETSA SE SE MOLEMO KE GONE GOTLHE?
Dalai Lama yo o emang nokeng go kopana ga ditumelo tse di farologaneng a re: “Ditumelo tse di farologaneng di na le dingwao tsa konokono tse di nang le molaetsa o o tshwanang e leng: lorato, kutlwelobotlhoko le go itshwarela.” O oketsa ka gore: “Selo sa botlhokwa ke gore dinonofo tseno di tshwanetse go nna karolo ya se re se dirang letsatsi le letsatsi.”
Ke boammaaruri gore boleng jwa dinonofo tse di tshwanang le lorato, kutlwelobotlhoko le go itshwarelana ke tsa botlhokwa. Jesu o ne a bua jaana mo mafokong a a tlhalosiwang e le Molao wa Sekagouta: “Dilo tsotlhe tse lo batlang batho ba di lo direla, le lona lo tshwanetse go di ba direla ka tsela e e tshwanang.” (Mathaio 7:12) A mme gone tumelo ya boammaaruri ke kgang fela ya go rotloetsa se se molemo?
Moaposetoloi Paulo o ne a bua jaana malebana le batho ba mo motlheng wa gagwe ba ba neng ba re ba direla Modimo: “Ke naya bosupi ka bone gore ba na le tlhoafalo ka Modimo; mme e seng go ya ka kitso ya boammaaruri.” Matsapa e ne e le eng? Paulo o ne a re: ‘Ka ntlha ya go bo ba sa itse tshiamo ya Modimo, ba ne ba batla go tlhoma ya bone.’ (Baroma 10:2, 3) E re ka ba ne ba se na kitso ya boammaaruri ka se Modimo a batlang gore ba se dire, tlhoafalo ya bone—le tumelo ya bone—eleruri e ne e le tsa lefela.—Mathaio 7:21-23.
SE BAEBELE E SE BUANG KA GO KOPANA GA DITUMELO TSE DI FAROLOGANENG
Jesu o ne a re: “Go itumela ba ba kagiso.” (Mathaio 5:9) Jesu o ne a dira se a neng a se ruta ka go se rotloetse thubakanyo le go bua ka molaetsa wa kagiso mo bathong ba madumedi a a sa tshwaneng. (Mathaio 26:52) Botlhe ba ba neng ba mo reetsa ba ne ba tsena mo loratong lo lo nonofileng. (Bakolosa 3:14) Mme gone, a maikaelelo a ga Jesu e ne e le fela go kopanya batho ba ditso tse di farologaneng gore ba tshele mmogo ka kagiso? A o ne a kopanela le ba bangwe mo kobamelong ya bone?
Baeteledipele ba bodumedi ba makoko a Bafarasai le Basadukai ba ne ba ganetsa Jesu ka tsela e e bogale—ba bo ba batla le go mmolaya. Jesu o ne a tsiboga jang? O ne a laela barutwa ba gagwe jaana: “A ba kgopisege. Ke bagogi ba ba foufetseng.” (Mathaio 15:14) Jesu o ne a gana go inaakanya le batho ba ba ntseng jalo ka bodumedi.
Nakonyana morago ga foo go ne ga tlhomiwa phuthego kwa Korintha, kwa Gerika—motse o o neng o itsege ka ditso di le dintsi le madumedi a a farologaneng. Bakeresete ba mo lefelong leo ba ne ba tshwanetse go itshwara jang? Moaposetoloi Paulo o ne a ba kwalela jaana: “Lo se ka lwa pataganela jokwe le ba ba sa dumeleng.” Lebaka? Paulo o ne a re: “Go na le kutlwano efe mo gare ga ga Keresete le Beliale? Kgotsa motho yo o ikanyegang o na le karolo efe le yo o sa dumeleng?” Go tswa foo o ne a ba naya kgakololo eno: “Jalo tswang mo gare ga bone, lo bo lo itomolole.”—2 Bakorintha 6:14, 15, 17.
Kwantle ga pelaelo Baebele e kgatlhanong le kgang ya go kopana ga ditumelo tse di farologaneng. Mme gone o ka ipotsa gore, ‘Jaanong kutlwano ya boammaaruri e ka fitlhelelwa jang?’
GO AGA KUTLWANO YA BOAMMAARURI
Seteishene sa Boditšhabatšhaba sa Lefaufau—sengwe se se gakgamatsang sa tekenoloji se se dikologang lefatshe—se nnile gone ka ntlha ya matsapa a a tserweng ke ditšhaba di le 15. A o akanya gore porojeke eno e ka bo e atlegile fa ditšhaba tse di nnileng le seabe mo go yone di ka bo di ile tsa se ka tsa dumalana ka gore go dirisiwe ga polane efe?
Seo tota ke boemo jo bo leng gone ka go kopana ga mekgatlho ya ditumelo tse di farologaneng mo motlheng ono. Le fa gone go lebeletswe gore batho ba dirisane le go tlotlana, ga go na polane e ba dumalanang ka yone ya go aga tumelo. Ka jalo, dikgang tsa se se siameng le se se sa siamang mmogo le dikgang tse di amanang le thuto ya motheo ya bodumedi di kgaoganya batho go feta le e leng pele.
Baebele e na le melao ya Modimo, e e tshwanang le polane. Re ka aga matshelo a rona go ya ka se Baebele e se buang. Batho botlhe ba ba e dirisang ba ile ba kgona go fenya go tlhaola batho ka lotso le ka bodumedi mme ba ithutile go dira mmogo ka kagiso le ka kutlwano. Fa Modimo a ne a bolelela pele seno o ne a re: “Ke tla fetolela ditšhaba mo puong e e itshekileng, gore botlhe ba bitse leina la ga Jehofa, e le gore ba mo direle ba le seoposengwe.” “Puo e e itshekileng,” e e leng molao wa Modimo wa kobamelo, e dira gore go nne le kutlwano.—Sefania 3:9; Isaia 2:2-4.
Basupi ba ga Jehofa ba go laletsa go tla kwa Holong ya Bogosi e e gaufi le wena go tla go bona kagiso le kutlwano tse ba nang le tsone.—Pesalema 133:1.