Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 SETLHOGO SE SE KA FA NTLE

Se Modimo a go Diretseng Sone

Se Modimo a go Diretseng Sone

“Gonne Modimo o ratile lefatshe mo go kalo mo a bileng a ntsha Morwawe yo o tsetsweng a le esi, gore mongwe le mongwe yo o dumelang mo go ene a se ka a senngwa mme a nne le botshelo jo bo sa khutleng.”—Johane. 3:16.

Eno ke nngwe ya ditemana tse di itsegeng thata e bile ke e batho ba ratang go e nopola gantsi mo Baebeleng yotlhe. Go a tle go twe ga go na temana epe e nngwe e e “tlhalosang sentle kamano e Modimo a nang le yone le batho le e e tlhalosang tsela ya gagwe ya poloko go gaisa eno.” Ka lebaka leo, mo dinageng dingwe temana eno kgotsa mafoko a a mo go “Johane 3:16,” gantsi a kwalwa mo mafelong a botlhe, mo ditikareng tsa dikoloi, mo maboteng le gongwe le gongwe fela.

Go bonala botlhe ba ba balang temana eno ba ikutlwa ba tlhatswegile pelo gore lorato lwa Modimo lo ba tlhomamisetsa gore ba tla bona poloko e e sa khutleng. Go tweng ka wena? Lorato lwa Modimo lo kaya eng mo go wena? Mme o akanya gore ke eng se Modimo a se dirileng se se bontshang gore o a go rata?

“MODIMO O RATILE LEFATSHE MO GO KALO”

Batho ba le bantsi ba iketleeleditse go leboga Modimo ka go bo e le ene a bopileng lobopo, tlhago le batho ka bobone. Ditshedi di bopilwe ka tsela e e raraaneng mo e leng gore ruri go tshwanetse ga bo go na le mongwe yo o nang le botlhale jo bo tlhomologileng yo o di tlhamileng. Letsatsi le letsatsi batho ba le bantsi ba leboga Modimo ka ntlha ya mpho ya botshelo. Gape ba a itse gore ba ikaegile ka botlalo ka Modimo gore ba bone dilo tsa botlhokwa mo go ene—mowa, metsi, dijo le modikologo wa tlholego wa lefatshe—e le gore ba tswelele ba tshela le go ipelela se ba se dirang.

Go a tshwanela gore re leboge Modimo ka dilo tseno tsotlhe, ka gonne ke mmopi le motlamedi wa rona. (Pesalema 104:10-28; 145:15, 16; Ditiro 4:24) Re ka leboga Modimo ka lorato lo a re bontshang lone fa re akanya ka dilo tsotlhe tse a re direlang tsone e le gore re itumelele botshelo. Moaposetoloi Paulo a re:  “[Modimo] o naya batho botlhe botshelo le mohemo le dilo tsotlhe. Gonne ka ene re na le botshelo mme re a tshikhinyega e bile re gone.”—Ditiro 17:25, 28.

Le fa go ntse jalo, lorato lwa Modimo lo bonala ka ditsela tse di farologaneng, e seng fela ka dilo tse re di tlhokang. Gape o re dirile ka tsela e e kgethegileng e bile o re neile tlotla ya gore re nne le keletso ya go rata dilo tsa semoya e bile o re thusa go e kgotsofatsa. (Mathaio 5:3) Ka tsela eno, batho ba ba kutlo ba na le tsholofelo ya go nna karolo ya lelapa la Modimo, “bana” ba gagwe. —Baroma 8:19-21.

Jaaka Johane 3:16 e tlhalosa, Modimo o re bontshitse lorato lwa gagwe ka go romela Morwawe e bong Jesu mo lefatsheng gore a re rute ka Modimo le ka Rraagwe le gore a re swele. Le fa go ntse jalo, ba le bantsi ba a dumela gore tota ga ba tlhaloganye lebaka la go bo go le botlhokwa gore Jesu a swele batho le gore ke jang loso lwa ga Jesu lo bontshang ka fa Modimo a re ratang ka gone. Mma re boneng kafa Baebele e tlhalosang ka gone lebaka la go bo Jesu a ile a swa le boleng jwa loso lwa gagwe.

“A NTSHA MORWAWE YO O TSETSWENG A LE ESI”

Batho botlhe ga ba tshelele ruri, mme seno se bakiwa ke bolwetse, botsofe le loso. Le fa go ntse jalo, ano e ne e se maikaelelo a ga Jehofa Modimo a kwa tshimologong. O ne a neile batho ba ntlha tsholofelo ya go tshela ka bosakhutleng mo paradaiseng ya mo lefatsheng. Mme gone go ne go tlhokega gore ba dire seno: Ba ne ba tshwanetse go mo ikobela. Fa ba ne ka tlhopha go se mo obamele, Modimo o ne a re ba tla swa. (Genesise 2:17) Ke boammaaruri gore motho wa ntlha o ne a tsuologela bolaodi jwa Modimo, mme a bo a ipakela loso a bo a dira gore le ditlogolo tsa gagwe le tsone di swe. Moaposetoloi Paulo o ne a tlhalosa jaana: “Ke gone ka moo, fela jaaka boleo bo ne jwa tsena mo lefatsheng ka motho a le mongwe le loso ka boleo, loso lo ne lwa anamela kwa bathong botlhe ka gonne ba leofile botlhe.”—Baroma 5:12.

Le fa go ntse jalo, Modimo o ‘rata tshiamiso.’ (Pesalema 37:28) Tota le fa Modimo a ne a ka se itlhokomolose boleo jwa ka boomo jo bo dirilweng ke motho wa ntlha, ga a ka a atlhola batho botlhe gore ba boge le go swa ka ntlha ya botlhokakutlo jwa motho a le mongwe. Go farologana le seo, ka go dirisa molaomotheo ono wa “botshelo ka botshelo,” o ile a lekalekanya katlholo ya tshiamiso mme a bo a dira gore go kgonege gore batho ba ba kutlo ba bone gape botshelo jo bo sa khutleng. (Ekesodo 21:23) Potso ke gore, botshelo jo bo itekanetseng jo Adame a latlhegetsweng ke jone bo ne bo ka bonwa jang gape? Karabo: Mongwe o ne a tshwanelwa ke go latlhegelwa kgotsa go ntsha botshelo jwa gagwe jo bo tlhwatlhwakgolo setlhabelo jo bo lekanang le jwa ga Adame—botshelo jwa motho yo o itekanetseng.

Jesu o ne a tla mo lefatsheng ka go rata a bo a ntsha botshelo jwa gagwe go boloka batho mo boleong le mo losong

Go a utlwala gore ga go na setlogolwana sepe se se sa itekanelang sa ga Adame se se neng se ka kgona go ntsha tlhwatlhwa eno, fa e se Jesu fela. (Pesalema 49:6-9) Jesu o tshotswe a se na boleo, a itekanetse, fela jaaka Adame a ne a itekanetse. Ka jalo, ka go ntsha botshelo jwa gagwe, Jesu o ne a golola batho mo bokgobeng  jwa loso. Ka go dira jalo, o ne a naya ditlogolwana tsa banyalani ba ntlha tshono ya gore ba itumelele botshelo jo bo itekanetseng jo bo tshwanang le jo Adame le Efa ba kileng ba bo tshela. (Baroma 3:23, 24; 6:23) A go na le sengwe se re ka se dirang gore tiragalo eno ya bopelonomi jwa lorato e re solegele molemo?

“GORE MONGWE LE MONGWE YO O DUMELANG MO GO ENE”

Fa re boela mo go Johane 3:16, re bona mafoko ano a a reng, “gore mongwe le mongwe yo o dumelang mo go ene [Jesu] a se ka a senngwa mme a nne le botshelo jo bo sa khutleng.” Seno se kaya gore, gore re nne le mpho ya botshelo jo bo sa khutleng re tshwanetse go dira sengwe. Fa e le gore re tla ‘nna le mpho ya botshelo jo bo sa khutleng,’ re tshwanetse go dumela mo go Jesu mme re mo ikobele.

O ka ipotsa jaana: ‘Go mo ikobela go akaretsa eng? A Jesu ga a ka a re, “mongwe le mongwe yo o dumelang mo go ene” o tla nna le botshelo jo bo sa khutleng?’ Ke boammaaruri gore go dumela kgotsa tumelo e botlhokwa. Le fa go ntse jalo, go botlhokwa gore re gopole gore go ya ka Baebele, go dumela fela ga go a lekana. Go ya ka Vine’s Expository Dictionary of Old and New Testament Words, lefoko le Johane a le dirisitseng mo puong ya ntlha le emela “go ikaega ka, e seng fela go nna le tumelo e e sa reng sepe.” E le gore motho a amogelwe ke Modimo, ga a tshwanela fela go dumela mo mogopolong wa gagwe gore Jesu ke Mmoloki. Modumedi le ene o tshwanetse go leka ka natla go dira se Jesu a neng a se ruta. Mme fa a sa dire jalo, go ipolela goo e tla bo e le ga maaka. Baebele ya re, “Tumelo kwantle ga ditiro e sule.” (Jakobe 2:26) Ka mafoko a mangwe, selo se se tlhokegang mo modumeding ke gore a bontshe tumelo mo go Jesu, seo se raya gore o tshwanetse go tshela go ya ka se a se dumelang.

Paulo o tlhalosa ntlha eno jaana: “Lorato lo Keresete a nang le lone lo a re patelela, ka gonne seno ke se re se sweditseng, gore motho a le mongwe [Jesu] o ne a swela botlhe . . . Mme o ne a swela botlhe gore ba ba tshelang ba tle ba se ka ba tlhola ba itshelela, mme ba tshelele ene yo o neng a ba swela a ba a tsosiwa.” (2 Bakorintha 5:14, 15) Go anaanela setlhabelo sa ga Jesu go tshwanetse ga re tlhotlheletsa gore re dire diphetogo mo matshelong a rona—ka go tlogela go itshelela ka bopelotshetlha mme re tshelele Jesu yo o neng a re swela. Seo se raya gore re tshwanetse go dira gore se Jesu a neng a se ruta, se tle pele mo matshelong a rona. Phetogo e e ntseng jalo e tla ama mekgwa e mentle e re nang le yone, se re se tlhophang le sengwe le sengwe se re se dirang. Tuelo ya batho ba ba dumelang e bile ba bontsha tumelo mo go Jesu e tla nna efe?

“A SE KA A SENNGWA MME A NNE LE BOTSHELO JO BO SA KHUTLENG”

Karolo ya bofelo ya Johane 3:16 e bontsha se Modimo a se solofetsang batho ba ba bontshang tumelo mo setlhabelong sa ga Jesu e bile ba tshela go ya ka ditekanyetso tsa Modimo. Modimo o ikaeletse gore batho bao ba ba ikanyegang ‘ba se ka ba senngwa mme ba nne le botshelo jo bo sa khutleng.’ Le fa go ntse jalo, batho ba ba solegelwang molemo ke lorato lwa Modimo ba na le ditsholofelo tse di sa tshwaneng tsa isagwe.

Jesu o solofeditse setlhopha se sengwe botshelo jo bo sa khutleng kwa legodimong. O ne a bolelela barutwa ba gagwe ba ba ikanyegang gore o ne a tla ba baakanyetsa lefelo gore ba tle go nna babusi le ene mo kgalalelong ya gagwe. (Johane 14:2, 3; Bafilipi 3:20, 21) Ba ba tla tsosediwang mo botshelong jwa kwa legodimong ba “tla nna baperesiti ba Modimo le ba ga Keresete, mme ba tla busa e le dikgosi le ene ka dingwaga di le sekete.”—Tshenolo 20:6.

Ke palo e nnye fela ya balatedi ba ga Keresete ba ba tla nnang le tshiamelo eno. Tota e bile Jesu o ne a re: “Se boifeng, letsomanyane, ka gonne Rraalona o amogetse go lo naya Bogosi.” (Luke 12:32) “Letsomanyane” leo e tla nna batho ba le kae? Tshenolo 14:1, 4 ya re: “Mme ka leba, mme, bona! Kwana [Jesu Keresete yo o tsositsweng] e eme mo Thabeng ya Siona [kwa legodimong], mme a na le ba ba dikete di le lekgolo masome a manè le bonè ba kwadilwe leina la gagwe le leina la ga Rraagwe mo diphatleng tsa bone. . . . Bano ba ne ba rekwa mo bathong e le mabutswapele a Modimo le a Kwana.” (Tshenolo 14:1, 4) Fa palo ya batho ba le 144 000 e bapisiwa le ya dibilionebilione tsa batho tse di kileng tsa tshela, ke “letsomanyane” fela. Bano ba tlhalosiwa e le dikgosi, ka jalo ba tla busa bomang?

Jesu o ne a bua ka setlhopha sa bobedi sa batho ba ba ikanyegang ba ba tla amogelang masego a Bogosi  jwa legodimo. Mo go Johane 10:16 Jesu o ne a re: “Ke na le dinku tse dingwe, tse e seng tsa lesaka leno; tseo le tsone ke tshwanetse go di tlisa, di tla reetsa lentswe la me, mme di tla nna letsomane le le lengwe, modisa a le mongwe.” “Dinku” tseo di lebile pele go bona botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng—botshelo jo Adame le Efa ba neng ba bo tshela kwa tshimologong. Re itse jang gore isagwe ya bone ke ya mo lefatsheng?

Mo makgetlong a le mantsi, Baebele e bua ka maemo a Paradaise a a tla nnang gone mo lefatsheng. E le gore o bone seno, tsweetswee bula Baebele ya gago gore o ipalele ditemana tseno tse di latelang: Pesalema 37:9-11; 46:8, 9; 72:7, 8, 16; Isaia 35:5, 6; 65:21-23; Mathaio 5:5; Johane 5:28, 29; Tshenolo 21:4. Ditemana tseno di bolelela pele ka gore ntwa, tlala, bolwetse le loso di tla fela. Di bua ka nako e mo go yone batho ba ba siameng ba tla itumelelang go aga matlo, ba tla jalang masimo mme ba godisetse bana ba bone mo tikologong e e nang le kagiso. * A ga o itumelele tsholofetso eno? Re na le lebaka le le utlwalang la go dumela gore go ise go ye kae ditsholofetso tseo di tla diragadiwa.

MODIMO O DIRILE GO TLALA SEATLA

Fa o akanya ka sotlhe se Modimo a se diretseng wena le batho ba bangwe, go bonala sentle gore o setse a dirile go tlala seatla. Re na le botshelo, botlhale, botsogo jo bo botoka le se re ka itshedisang ka sone. Mo godimo ga moo, mpho ya Modimo ya setlhabelo sa ga Jesu, yo o re swetseng, e ka kaya ditshegofatso tse dikgolo mo go rona fa re ntse re ithuta Johane 3:16.

Botshelo jo bo sa khutleng mo lefelong le le nang le kagiso, le le itumedisang, le le senang matshosetsi a bolwetse, ntwa, tlala kgotsa loso, ruri bo tla bula kgoro ya boitumelo jo bo sa khutleng le ya ditshegofatso. Gore a o tla amogela ditshegofatso tseo tota go ikaegile ka wena. Potso e e botlhokwa ke gore, Ke eng se o se direlang Modimo?

^ ser. 24 Go bona tshedimosetso e e oketsegileng mo boporofeting jono, bona kgaolo 3 ya buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng? e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.