Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele

Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele

A go na le lebaka la go bo polanete ya rona e bopilwe?

Lefatshe le ne le diretswe go nna legae le batho ba le itumelelang

Polanete ya rona e dirilwe gore dilo di kgone go tshela mo go yone. E na le metsi a le mantsi, a a leng botlhokwa mo botshelong. Go sekama ga lefatshe le go dikologa ga lone go direga ka tsela e e tshwanetseng e e dirang gore mawatle a se ka a tsidifala thata kgotsa a bela. Mme atemosefere ya lefatshe le maatla a makenete di sireletsa lefatshe mo marannyeng a a kotsi. Tsela e lefatshe le diphologolo di dirisanang mmogo ka gone e a gakgamatsa. Ke ka moo batho ba le bantsi ba swetsang ka gore go na le lebaka la go bo polanete ya rona e bopilwe.—Bala Isaia 45:18.

Mme gone o ka ipotsa jaana, ‘A pogo le go tlhoka tshiamiso ke karolo ya boikaelelo joo?’—Bala Duteronome 32:4, 5.

A boikaelelo jwa lefatshe bo tla fitlhelelwa?

Lefatshe le ne le bopetswe go nna legae le le itumedisang la batho ba ba tlotlanang e bile ba rata Mmopi wa bone. Ka jalo, botshelo jwa batho bo na le maikaelelo a magolo go feta dimela kgotsa diphologolo. Go fapaana le diphologolo, re kgona go tlhaloganya gore Mmopi wa rona ke mang e bile re kgona le go kgatlhegela le go etsa lorato le tshiamiso ya gagwe.—Bala Moreri 12:13; Mika 6:8.

Modiri wa rona a ka kgona go dira sengwe le sengwe se a batlang go se dira. Re ka tlhomamisega gore o tla fedisa pogo le go tlhoka tshiamiso a bo a dira gore polanete ya rona e nne legae le le itekanetseng le le le itumedisang la batho.—Bala Pesalema 37:11, 29; Isaia 55:11.