Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 SETLHOGO SA KA FA NTLE | A MODIMO O A GO KGATLHEGELA?

Modimo O a Go Gomotsa

Modimo O a Go Gomotsa

“Modimo, yo o gomotsang ba ba sulafetseng pelo, o ne a re gomotsa.”—2 BAKORINTHA 7:6.

‘Morwa Modimo, o nthatile a ba a ineela ka ntlha ya me.’—BAGALATIA 2:20

LEBAKA LA GO BO BANGWE BA BELAELA: Tota le fa batho bangwe ba tlhoka kgomotso thata ba ikutlwa e kete ba imetsa Modimo fa ba mo kopa gore a ba thuse ka mathata a bone. Mosadi mongwe yo o bidiwang Raquel a re: “Fa ke leba kafa batho ba leng bantsi ka gone mo lefatsheng—le mathata a a masisi a ba lebanang le one, ke tsaya gore dilo tse ke tshwenyegileng ka tsone ga di botlhokwa mo ke etsaetsegang go kopa Modimo gore a nthuse.”

SE LEFOKO LA MODIMO LE SE RUTANG: Modimo o setse a tsere kgato e e tlhomologileng go thusa batho le go ba gomotsa. Gompieno mongwe le mongwe mo lefatsheng o ruile boleo—go sa kgone go dira se Modimo a se batlang ka botlalo. Mme gone, Modimo “o re ratile mme a romela Morwawe [Jesu Keresete] go nna setlhabelo sa thuanyo sa maleo a rona.” (1 Johane 4:10) Ka loso lwa ga Jesu lwa go intsha setlhabelo, Modimo o ne a dira gore re itshwarelwe maleo, re nne le segakolodi se se phepa le tsholofelo ya go tshela ka bosakhutleng mo lefatsheng le lesha la kagiso. * Mme gone, a setlhabelo seo se ntsheditswe batho fela ka kakaretso kgotsa se bontsha kafa Modimo a go kgatlhegelang ka gone?

Akanya ka moaposetoloi Paulo. Setlhabelo sa ga Jesu se ne sa mo ama thata jaana mo a neng a kwala jaana: “Ke . . . tshela ka tumelo e e ka ga Morwa Modimo, yo o nthatileng a ba a ineela ka ntlha ya me.” (Bagalatia 2:20) Gone ke boammaaruri gore Jesu o ne a swa pele ga Paulo e nna Mokeresete. Le fa go ntse jalo, Paulo o ne a leba setlhabelo seo e le mpho e Modimo a mo neileng yone ka tlhamalalo.

Le wena Modimo o go neile mpho eno ya setlhabelo sa loso lwa ga Jesu. Mpho eno e bontsha gore o tlhwatlhwakgolo mo Modimong. E ka go naya “kgomotso e e sa khutleng le tsholofelo e e molemo” ya bo ya go “nitamisa mo tirong nngwe le nngwe le mo lefokong lengwe le lengwe le le molemo.”—2 Bathesalonika 2:16, 17.

Mme gone, Jesu o ntshitse botshelo jwa gagwe e le setlhabelo dingwaga di ka nna 2 000 tse di fetileng. Ke eng se se bontshang gore Modimo o batla gore o atamalane le ene gompieno?

^ ser. 5 Fa o batla tshedimosetso e e oketsegileng ka setlhabelo sa ga Jesu, bona kgaolo 5 mo bukeng ya Totatota Baebele e Ruta Eng? e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.