Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 KGANG YA BOTSHELO

Botshelo jo bo Kgotsofatsang mo Tirelong ya Modimo

Botshelo jo bo Kgotsofatsang mo Tirelong ya Modimo

Go tloga fela ke sa le monnye, ke ne ke tshwenngwa ke tlhaolele, ke tshaba go palelwa e bile ke le ditlhong. E re ka ke ne ke solofetse gore ke tla bona kgomotso mo Baebeleng, ke ne ka ya kwa Kerekeng ya Katoliki ya mo lefelong la rona gore ke thusiwe go e tlhaloganya. Fa ke sa e bone, ke ne ka simolola go rata metshameko.

Go ise go ye kae, ke ne ka dira dijiminase le go nonotsha mesifa. Kgabagare ke ne ka bula lefelo la go katisa mesifa le go itshidila kwa San Leandro, California, U.S.A. mme ka bereka le batho ba bangwe ba ba nonotshang mesifa, go akaretsa le mongwe yo o neng a gapa sekgele sa Mr. America. Le fa go ntse jalo, go nna le mmele o bontsi bo neng bo akanya gore o agegile sentle ga go a ka ga nkgotsofatsa.

KE BONE SE KE NENG KE SE BATLA

Nngwe ya ditsala tsa me tsa kwa lefelong la go ikatisa yo o neng a itse gore ke batla go tlhaloganya Baebele, o ne a akantsha gore ke kopane le mongwe yo a mo itseng. Mo mosong wa letsatsi le le latelang, mongwe wa Basupi ba ga Jehofa o ne a tla kwa legaeng la me. O ne a fetsa diura di le nnè a araba dipotso tsa me ka Baebele. Ke ne ka mo kopa gore a boe mo maitseboeng ao mme ra tlotla ka Baebele go fitlha bosigogare. Ke ne ke kgatlhilwe thata ke se ke se ithutileng mo ke neng ka kopa go tsamaya le ene mo letsatsing le le latelang gore ke bone gore bodiredi bo dirwa jang. Ke ne ke gakgamaditswe ke tsela e a neng a bula Baebele ka yone a bontsha batho dikarabo tsa dipotso tsa bone. Ke ne ka swetsa ka gore le nna ke batla go dira se se tshwanang!

Ka jalo, ke ne ka tlogela kgwebo ya me mme ka fetsa nako e ntsi le mmulatsela yono, jaaka badiredi ba nako e e tletseng ba Basupi ba ga Jehofa ba bidiwa. Ka Motsheganong 1948, ke ne ka kolobediwa kwa kopanong e e neng e tshwaretswe kwa Cow Palace Arena kwa San Francisco, California. Moragonyana mo go one ngwaga oo ke ne ka nna mmulatsela.

Ka yone nako eo, ke ne ka kopa Basupi gore ba etele mmè. O ne a bontsha kgatlhego mme go ise go ye kae a nna Mosupi wa ga Jehofa. O ne a ikanyega mo Modimong go fitlha a swa dingwaga di le dintsi moragonyana le fa a ne a ganediwa ke ba lelapa la gaabo. Ga go ope yo mongwe mo lelapeng la rona yo o neng a nna Mosupi.

GO KOPANA LE MOGATSAKE

Ka 1950, ke ne ka fudugela kwa Grand Junction, Colorado, kwa ke neng ka kopana le Billie. O tshotswe ka 1928 mme o goletse mo nakong ya Kwelotlase e Kgolo ya Ikonomi ya Diphalane 1929 kwa United States. Mmaagwe Billie e bong Minnie, o ne a mmalela Baebele maitseboa mangwe le mangwe ka lebone la parafene. Fa Billie a na le dingwaga di le nnè o ne a kgona go bala e bile a tshwere dipolelo di le dintsi tsa Baebele ka tlhogo. Mo bowelong jwa bo1940, fa mmaagwe a ithuta Baebele le Basupi o ne a lemoga gore dihele ga se lefelo la tlhokofatso mme ke lebitla le le tlwaelegileng la batho. (Moreri 9:5, 10) Minnie le mogatse ba ne ba nna Basupi.

Ka 1949, Billie o ne a boa go tswa kwa sekolong sa kwa Boston mme a simolola go ithuta Baebele ka tlhagafalo.  Go na le gore a nne morutabana, o ne a dira tshwetso ya gore a ineele mo Modimong. O ne a kolobediwa kwa kopanong ya boditšhabatšhaba ya Basupi ba ga Jehofa ya 1950 e e neng e tshwaretswe kwa Yankee Stadium kwa New York. Moragonyana fela ga moo re ne ra kopana, ra nyalana ra bo ra simolola tirelo ya nako e e tletseng.

Re ne ra simolola kwa Eugene, Oregon, mme ra dira ditsala tsa mmatota. Ka 1953, re ne ra fudugela kwa Grants Pass, Oregon, go ya go thusa phuthego e nnye ya koo. Moragonyana mo go one ngwaga oo re ne ra lalediwa go ya kwa tlelaseng ya bo23 ya Gileade, sekolo sa Basupi se se thapisang barongwa, se se neng se le gaufi le South Lansing, New York, e e dikilometara di ka nna 400 kwa bokonebophirima jwa New York City.

TIRO YA BORONGWA KWA BRAZIL

Ka Sedimonthole 1954, dikgwedi di le tlhano morago ga go aloga kwa Gileade, nna le Billie re ne ra tsaya loeto ka sefofane go ya kwa Brazil. Morago ga ura, nngwe ya dienjene e ne ya senyega, le fa go ntse jalo re ne ra tsurama sentle kwa Bermuda. Fa re sena go tsurama ka tshoganyetso gape kwa Cuba le go fetsa diura di le 36 tse di lapisang mo loetong, re ne ra goroga kwa ofising ya Basupi ba ga Jehofa kwa Rio de Janeiro, Brazil.

Holo ya Bogosi ya ntlha kwa Bauru—lefelo le le hirilweng le letshwao le ke le dirileng, 1955

Re ne ra nna nakwana koo, mme nna le Billie le barongwa ba bangwe ba babedi, re ne ra ya kwa Bauru, São Paulo go simolola legae la barongwa gone. Toropo eo e ne e na le baagi ba feta 50 000, mme e ne e le rona Basupi ba ntlha.

Re ne ra simolola go etela batho kwa magaeng a bone mme ka yone nako eo moruti wa Katoliki wa mo lefelong leno o ne a simolola go nna kgatlhanong le tiro ya rona. O ne a re sala morago mme a tlhotlheletsa beng ba matlo gore ba se ka ba reetsa. Le fa go ntse jalo, mo dibekeng di le mmalwa fela, lelapa le legolo le re neng re ithuta le lone le ne la amogela boammaaruri jwa Baebele mme la kolobediwa moragonyana. Go ise go ye kae, ba bangwe le bone ba ne ba simolola go ithuta.

Mongwe wa losika lwa lelapa le le kolobeditsweng e ne e le mookamedi wa lefelo la go itlosa bodutu. Ke ne ka dira dithulaganyo tsa gore re tshwarele kopano mo lefelong leno. Fa moruti wa mo lefelong leno a ne a batla gore tumalano e phimolwe, mookamedi o ne a kopana le maloko a lefelo la go itlosa bodutu a bo a a raya a re: “Fa lo ka iphimola, ke rola tiro!” Tumalano ya go tshwarela kopano mo lefelong leno e ne ya atlega.

Ngwaga o o latelang, ka 1956, re ne ra lalediwa go ya kwa kopanong ya kgaolo kwa Santos, São Paulo. Mo e batlang e le Basupi ba le 40 ba phuthego ya rona ba ne ba tsamaya ka terena. Fa re boela kwa Bauru, ke ne ka amogela lekwalo le le neng le bontsha gore ke neilwe kabelo ya go nna molebedi yo o etelang diphuthego tsa Basupi ba ga Jehofa. Ke ne ka fetsa dingwaga di ka nna 25 ke dira tiro eo kwa Brazil ke tsamaya mo dikarolong tse dintsi tsa naga eno.

Mo ngwageng o le mongwe fela, re ne ra nna le baboledi ba ba tlhagafetseng ba Bogosi kwa Bauru

KAFA BODIREDI BO NENG BO LE KA GONE

Ka dinako tseo go ne go se motlhofo go tsaya loeto. Re ne re tsamaya ka bese, terena, karaki, baesekele le ka dinao mo e batlang e le mo nageng eno yotlhe. Mongwe wa metse ya ntlha e re neng ra e etela ke Jaú, São Paulo. Fa re le koo moruti o ne a re ganetsa.

O ne a re laela jaana: “Lo ka se ka lwa ‘rerela dinku tsa me!’”

Re ne ra araba ra re: “Ga se tsa gago, ke tsa Modimo.”

Re ne ra rulaganya go bontsha batho filimi ya tiro ya rona e e dirwang mo lefatsheng lotlhe, ya setlhogo se se reng The New World Society in Action, mme moruti yoo o ne a rulaganya segongwana gore se re tlhasele. Ka yone nako eo re ne ra itsise mapodise. Fa moruti yoo le segongwana sa maloko a kereke ya  gagwe ba goroga kwa lefelong la bobogelo, ba ile ba kopana le mapodise a a neng a ba supa ka ditlhobolo. Boidiidi jwa batho bo ne jwa itumelela filimi eo fela thata.

Gongwe le gongwe kwa re neng re direla gone moya oo wa letlhoo le kganetso o ne o aname. Ka sekai, kwa Brusque, gaufi le Blumenau, Santa Catarina, re ne ra kopana le babulatsela ba babedi ba ba neng ba ganediwa thata. Mme ba ne ba segofalediwa boitshoko jwa bone. Gompieno dingwaga di feta 50 morago ga foo, go na le diphuthego di feta 60 mo kgaolong eo mmogo le Holo e ntle ya Dikopano e e gaufi le motse wa Itajaí!

Selo se re se itumeletseng thata mo tirong ya rona ya go etela diphuthego, e ne e le go bereka le Basupi mmogo le rona go baakanyetsa dikopano tse dikgolo. Ka bo1970, ke ne ka nna le tshiamelo ya go direla ke le molebedi wa kopano kwa Setadiamong se segolo sa Morumbi. Diphuthego di ka nna lekgolo di ne tsa kopiwa go romela batho ba le lesome go tla go phepafatsa setadiamo bosigo jwa pele ga kopano.

Fa batshameki ba tswa mo setadiamong mo bosigong joo, go ne ga utlwiwa bangwe ba re ka tshotlo, “A ko lo bone basadinyana bano ka mafeelo le dimmopo.” Mme gone, bosigogare setadiamo sotlhe se ne se le phepa! Mookamedi wa setadiamo o ne a re: “Go ka bo go tsere batho ba me beke yotlhe go dira se lona Basupi lo se dirileng mo diureng di le mmalwa fela!”

GO BOELA KWA UNITED STATES

Ka 1980 morago ga loso lwa ga rre, re ne ra boela kwa Fremont, California, United States go ya go tlhokomela mmè. Re ne ra bona tiro ya go phepafatsa dikago bosigo mme ra tswelela re bulatsela le go thusa Bapotokisi ba mo lefelong leno. Moragonyana re ne ra fudugela gaufi le San Joaquin Valley, kwa re neng ra bona batho ba bantsi ba ba buang Sepotokisi gone go tswa kwa Sacramento go ya kwa Bakersfield. Jaanong go na le diphuthego di ka nna lesome tsa Sepotokisi kwa California.

Morago ga loso lwa ga mmè ka 1995, re ne ra fudugela kwa Florida mme ra tlhokomela rraagwe Billie go fitlha a tlhokafala. Mmaagwe o ne a tlhokafetse ka 1975. Ka ngwaga wa 2000 re ne ra fudugela kwa borwabophirima jwa Colorado kwa kgaolong ya sekaka sa bogodimo jo go goletsegileng mme ra rerela Baamerika ba mo Navajo le Ute ka nako e e tletseng. Ka maswabi, Billie o ne a tlhokofala ka Tlhakole 2014.

Ke itumedisiwa ke gore mo dingwageng di feta 65 tse di fetileng, ke ile ka kopana le Mosupi wa ga Jehofa yo o neng a araba dipotso tsa me tse dintsi ka Baebele! Se ke se itumelelang le go feta ke gore ke ile ka tlhomamisa gore se a neng a se bua e ne e le se tota Baebele e se rutang. Seno se ne sa dira gore ke tshele botshelo jo bo kgotsofatsang mo tirelong ya Modimo.