Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 PUISANO LE MOAGELANI

Bogosi Jwa Modimo bo Simolotse Leng go Busa? (Karolo 2)

Bogosi Jwa Modimo bo Simolotse Leng go Busa? (Karolo 2)

Motlotlo o o latelang ke o o tlwaelegileng o mongwe wa Basupi ba ga Jehofa a ka nnang le one le moagelani. A re re Mosupi mongwe yo o bidiwang Onkutlwile o boetse kwa legaeng la monna mongwe yo o bidiwang Gaopalelwe.

TORO YA GA NEBUKADENESARE—TSHOBOKANYO

Onkutlwile: Gaopalelwe, ke itumelela go go bona gape. Ka metlha ke itumelela metlotlo ya Baebele e re nnang le yone beke le beke. * O tsoga jang?

Gaopalelwe: Nnyaa ke tsogile.

Onkutlwile: Ke itumelela go utlwa seo. Maloba fa ke ne ke le fano, re tlotlile ka lebaka la go bo Basupi ba ga Jehofa ba dumela gore Bogosi jwa Modimo bo simolotse go busa ka 1914. * Mo motlotlong wa rona, re bone dintlha tsa konokono tsa bosupi jwa seo mo boporofeting jo bo mo go kgaolo 4 mo bukeng ya Baebele ya Daniele. A o sa ntse o gopola dintlha tsa jone?

Gaopalelwe: Bo bua ka toro ya ga Kgosi Nebukadenesare ya setlhare se segolo.

Onkutlwile: Ee, o nepile. Mo torong eo, Nebukadenesare o ile a bona setlhare se segolo se se neng se fitlha kwa legodimong. Morago ga foo, a utlwa morongwa wa Modimo a laela gore setlhare seo se remiwe mme kutu le medi ya sone e se ka ya ntshiwa. Morago ga “metlha e supa,” setlhare seo se ne se tla gola gape. * Re tlotlile le ka lebaka la go bo boporofeti jono bo diragadiwa ka ditsela tse pedi. A o sa ntse o gopola go diragadiwa ga ntlha ga boporofeti jono?

Gaopalelwe: Bo diragaditswe mo go Nebukadenesare, gakere? O ne a latlhegelwa ke tlhaloganyo ka dingwaga di le supa.

Onkutlwile: Ruri. Nebukadenesare o ile a latlhegelwa ke tlhaloganyo ka nakwana, ka jalo puso ya gagwe e ne ya emisiwa. Mme fa boporofeti bo diragadiwa la bobedi, puso ya Modimo e ne e tla emisiwa go se kae ka metlha e supa. Jaaka re bone, metlha e supa e simolotse fa Jerusalema e senngwa ka 607 B.C.E. Go tloga ka nako eo, go ne go se na dikgosi dipe mo lefatsheng tse di neng di emela Jehofa Modimo ka go busa batho ba gagwe. Le fa go ntse jalo, kwa bokhutlong jwa metlha e supa, Modimo o ne a tla tlhoma Mmusi yo mongwe yo o neng a tla busa batho ba gagwe—mongwe yo o kwa legodimong. Ka mafoko a mangwe, go khutla ga metlha e supa go ne go tla tshwaya go simologa ga go busa ga Bogosi jwa Modimo jwa kwa legodimong. Go fitlha jaanong re setse re tlotlile ka gore metlha e supa e simologile leng. Jaanong fa re ka itse gore metlha e supa e tsere lobaka lo lo kae, re tla kgona go itse gore Bogosi jwa Modimo bo simolotse leng go busa. A re mmogo?

Gaopalelwe: Ee, go boeletsa se re tlotlileng ka sone go nkgopoditse dintlha tseo.

Onkutlwile: Go molemo. Jaanong a re simolole ka go sekaseka gore metlha e supa e tsere lobaka lo lo kae. Ke sa tswa go ikgopotsa dintlha tsa konokono tsa kgang eno. Ke tla leka go di tlhalosa kafa nka kgonang ka gone.

Gaopalelwe: Nnyaa, go siame.

 METLHA E SUPA E A KHUTLA—TSHIMOLOGO YA METLHA YA BOFELO

Onkutlwile: Fa boporofeti jo bo ka ga Nebukadenesare bo diragadiwa la ntlha, metlha e supa e ne e emela dingwaga tse supa tsa mmatota. Mme mo karolong ya bobedi ya go diragadiwa ga boporofeti jono e e amanang le Bogosi Jwa Modimo, metlha e supa e tshwanetse ya bo e tsere lobaka lo loleele go feta dingwaga tse supa tsa mmatota.

Gaopalelwe: Goreng o rialo?

Onkutlwile: Gakologelwa gore metlha e supa e simologile fa Jerusalema e senngwa ka 607 B.C.E. Fa re bala go tloga ka one ngwaga oo, dingwaga tsa mmatota tse supa di ne di tla khutla ka 600 B.C.E. Mme mo ngwageng oo, ga go sepe se se diragetseng se se amanang le Bogosi jwa Modimo. Kwantle ga moo, gopola gore dingwaga di le makgolo moragonyana, fa Jesu a ne a le mo lefatsheng o ne a re metlha e supa e ne e ise e khutle.

Gaopalelwe: Ee, ke a gopola jaanong.

Onkutlwile: Ka jalo, metlha e supa ga se dingwaga tsa mmatota, mme ke lobaka lo loleele lwa nako.

Gaopalelwe: Ke lobaka lo lo kae?

Onkutlwile: Buka ya Baebele ya Tshenolo e e batlang e tshwana le buka ya Daniele e re thusa go bona gore metlha e supa e tsere lobaka lo lo kae. Ya re dipaka tse tharo le sephatlo di lekana le malatsi a le 1 260. * Ka jalo, metlha e supa—dipaka tse tharo le sephatlo di menagane gabedi—e lekana le malatsi a le 2 520. A re sa ntse re le mmogo?

Gaopalelwe: Ee, re mmogo. Mme ga ke bone gore seno se bontsha jang gore Bogosi jwa Modimo bo simolotse go busa ka 1914.

Onkutlwile: Mma re bone gore re ka di amanya jang. Ka dinako dingwe mo boporofeting jwa Baebele, letsatsi le emela ngwaga. * Fa letsatsi le emela ngwaga, metlha e supa e lekana le dingwaga di le 2 520. Fa re bala dingwaga di le 2 520 re simolola ka 607 B.C.E., re fitlha mo ngwageng wa 1914. * Dintlha tseno ke tsone di dirang gore re swetse ka gore metlha e supa e khutlile ka 1914 le gore Jesu o simolotse go busa e le Kgosi ya Bogosi Jwa Modimo ka one ngwaga ono. Mme fa e sa le ka 1914 go ile ga nna le ditiragalo tse dikgolo tsa lefatshe—ditiragalo tse Baebele e boleletseng pele gore di tla direga mo metlheng ya bofelo.

Gaopalelwe: Ditiragalo dife?

Onkutlwile: Bona se Jesu a se buileng mo go Mathaio 24:7. Jesu o ne a bua jaana ka nako ya fa a tla bo a simolola go busa kwa legodimong: “Setšhaba se tla tsogologela setšhaba le bogosi bo tsogologele bogosi, mme go tla nna le ditlhaelo tsa dijo le dithoromo tsa lefatshe mo mafelong ka go latelana.” Ela tlhoko gore Jesu o ile a bolelela pele gore go tla nna le ditlhaelo tsa dijo le dithoromo tsa lefatshe ka nako eo. Ano ke mathata a lefatshe la rona le lebaneng le one mo dingwageng di le lekgolo tse di fetileng.

Gaopalelwe: Ga go boammaaruri jo bo fetang joo.

Onkutlwile: Mo temaneng eno, Jesu o bua le ka dintwa tse di neng di tla nna teng fa a simolola go busa e le Kgosi ya Bogosi Jwa Modimo. Buka ya Baebele ya Tshenolo le yone e boleletse pele gore mo metlheng ya bofelo go ne go tla nna le dintwa tse di neng di tla ama lefatshe lotlhe. * A o gopola gore ntwa ya ntlha ya lefatshe e runtse leng?

Gaopalelwe: E ne e le ka 1914, one ngwaga o o reng Jesu o ne a simolola go busa ka one! Tota ke ne ke sa di amanye.

 Onkutlwile: Fa re akanya ka dintlha tseno tsotlhe—boporofeti jo bo buang ka metlha e supa le boporofeti jo bongwe jwa Baebele jo bo buang ka metlha ya bofelo—tota kgang eno e a utlwala. Basupi ba ga Jehofa ba tlhomamisegile gore Jesu o simolotse go busa e le Kgosi ya Bogosi Jwa Modimo ka 1914 le gore metlha ya bofelo e simologile ka one ngwaga oo. *

Gaopalelwe: Ke sa ntse ke leka go tlhaloganya dintlha tseno tsotlhe.

Onkutlwile: Nnyaa go a utlwala. Jaaka ke go boleletse, le nna go tsere lobaka gore ke di tlhaloganye. Mme ke solofela gore motlotlo ono o go thusitse go lemoga gore le fa ngwaga wa 1914 o sa kwalwa gope mo Baebeleng, Basupi ba ga Jehofa ba theile se ba se dumelang ka ngwaga oo mo Baebeleng.

Gaopalelwe: Tota seno ke se se nkgatlhang ka lona—fa lo bua sengwe lo ntsha temana e e dumalanang le sone. Ga se selo se lo se ikakanyetsang. Mme ke ipotsa gore ke eng fa tshedimosetso eno e raraane jaana. Goreng Modimo a sa re bolelele ka tlhamalalo mo Baebeleng gore Jesu o ne a tla simolola go busa kwa legodimong ka 1914?

Onkutlwile: O boditse potso e ntle. Tota e bile, go na le dilo tse dintsi tse di sa tlhalosiwang ka botlalo mo Baebeleng. Mme gone, ke eng fa Modimo a ne a dira gore Baebele e kwalwe ka tsela e batho ba ka se e tlhaloganyeng motlhofo? Gongwe re ka bua ka kgang eno mo nakong e e tlang.

Gaopalelwe: Nka itumelela seo.

A go na le kgang nngwe mo Baebeleng e o kileng wa ipotsa ka yone? A o ka rata go itse ka dilo dingwe tse Basupi ba ga Jehofa ba di ­dumelang kgotsa dilo tse ba di dirang? Fa go le jalo, o se ka wa okaoka go botsa mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. O tla itumelela go tlotla le wena ka dipotso tseo..

^ ser. 5 Basupi ba ga Jehofa ba ithuta Baebele mahala le baagelani ba bone ba tlotla ka ditlhogo tse di farologaneng.

^ ser. 7 Bona setlhogo se se reng “Puisano le Moagelani—Bogosi Jwa Modimo bo Simolotse Leng go Busa?—Karolo 11” mo makasineng wa Diphalane 1, 2014.

^ ser. 22 Bona Tshenolo 12:6, 14; ntlha e e kwa tlase mo NW.

^ ser. 24 tšhate ya “Toro ya ga Nebukadenesare ya Setlhare.”

^ ser. 30 Bona kgaolo 9 ya buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng? e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.