Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 SETLHOGO SA KA FA NTLE | A SATANE O TENG?

A re Tshwanetse go Boifa Satane?

A re Tshwanetse go Boifa Satane?

Khabonomonokosaete ga e bonale e bile e kotsi—Satane le ene o ntse jalo

Go thata go e lemoga. Ga e bonale e bile o ka se e dupe mme e ka tlhasela batho ba sa lemoge. Gongwe halofo ya batho ba ba bolawang ke tšhefu mo lefatsheng lotlhe ba ka tswa ba bolawa ke yone: khabonomonokosaete. Le fa go ntse jalo, ga o a tshwanela go boifa. Go na le ditsela tse o ka e lemogang ka tsone o bo o itshireletsa. Batho ba bantsi ba tsenya disensara tse di ba tlhagisang ba bo ba tsiboga fa di ba tlhagisa.

Fela jaaka khabonomonokosaete, Satane le ene ga a bonale, batho ba ka se mo lemoge motlhofo e bile o kotsi tota. Mme Modimo ga a re tlogela fela. Ga o tlhoke go boifa Satane fa o dirisa dimpho tseno tse Modimo a re nayang tsone.

Bokgoni jwa go itlhophela. Jakobe 4:7 ya re: “Ganetsang Diabolo, mme o tla lo tshaba.” Le fa Satane a na le maatla, a ka se go pateletse go dira dilo tse o sa batleng go di dira. O ka itlhophela. Lekwalo la 1 Petere 5:9 la re: “Ganetsanang le ene [Diabolo], lo nonofile mo tumelong.” Gakologelwa gore Satane o ile a tlogela Jesu fa a sena go gana dithaelo tsa gagwe tse tharo. (Mathaio 4:11) Le wena o ka itlhophela go gana dithaelo tsa ga Satane.

Kamano le Modimo. Jakobe 4:8 e re kgothaletsa go ‘atamela Modimo.’ Jehofa ka boene o go laletsa gore o nne le kamano e e gaufi le ene. O ka dira seo jang? Simolola ka go ithuta mo go oketsegileng ka ene mo Baebeleng. ( Johane 17:3) Se o se ithutang ka Jehofa se tla go tlhotlheletsa gore o mo rate, e bile lorato loo lo tla go tlhotlheletsa go dira thato ya gagwe. (1 Johane 5:3) Fa o ntse o atamalana le Rraago yo o kwa legodimong, ene o tla dira eng? Jakobe o tswelela ka gore: ‘[Modimo] o tla go atamela.’

Jehofa o go naya dilo tsa semoya tse di ka go sireletsang

Tshireletso. Diane 18:10 ya re: “Leina la ga Jehofa ke tora e e nonofileng. Mosiami o sianela mo go yone mme o a sirelediwa.” Seno ga se reye gore leina la Modimo le ka dirisiwa e le sengwe se se ka go tlisetsang masego. Go na le moo, se raya gore batho ba ba tseelang leina la Modimo kwa godimo ba ka mo kopa gore a ba sireletse le fa e le leng fela.

Sekao sa mmatota. Ditiro 19:19 e re bolelela sengwe se se itumedisang ka Bakeresete ba ba neng ba sa tswa go sokologa ba kwa Efeso: “Ba le bantsi thata ba bao ba neng ba dira ditiro tsa maselamose ba ne ba phutha dibuka tsa bone ba bo ba di ja ka molelo fa pele ga mongwe le mongwe. Mme ba bala ditlhwatlhwa tsa tsone tsotlhe mme ba fitlhela di ja dipapetlana tsa selefera di le dikete di le masome a  matlhano.” * Bakeresete bao ba ne ba fisa dilo dipe fela tse di amanang le bodimona, go sa kgathalesege tlhwatlhwa ya tsone. Sekao seo se ka re solegela molemo tota gompieno. Lefatshe leno le nweleletse mo boloing le mo bodimoneng. Tota le dilo tsa bodimona le ditlwaelo tsa teng tse di lebegang di itshiametse fela di ka dira gore motho a wele mo tlhotlheletsong ya madimona. Go botlhokwa gore o dire sotlhe se o ka se kgonang go ikgaoganya le dilo tseno.—Duteronome 18:10-12.

Rogelio yo go builweng ka ene mo setlhogong sa ntlha sa motseletsele ono, o ne a simolola go dumela gore Diabolo o teng a setse a le mo dingwageng tsa bo50. Ke eng se se fetotseng mogopolo wa gagwe? Rogelio a re: “E le la ntlha mo botshelong, ke ne ka ipatlela Baebele. Kitso e e mo Baebeleng e ne ya ntlhatswa pelo gore Diabolo o teng. Gone jaanong, kitso eo e ntshireletsa gore ke se ka ka wela mo tlhotlheletsong ya gagwe.”

“Kitso e e mo Baebeleng e ne ya ntlhatswa pelo gore Diabolo o teng. Gone jaanong, kitso eo e ntshireletsa gore ke se ka ka wela mo tlhotlheletsong ya gagwe”

A o ka rata go tshela ka nako ya fa Satane a tla bo a sa tlhole a le teng? Seo se ka kgonega. Dikwalo di bolelela pele gore mo isagweng Diabolo, yo o timetsang batho ba le bantsi, o tla “piriganyediwa mo bodibeng jwa molelo le sulefera.” (Tshenolo 20:10) Boammaaruri ke gore molelo le sulefera tsa mmatota ga di ka ke tsa kgona go utlwisa sebopiwa sa moya botlhoko. Ka jalo, bodiba jwa molelo bo emela go nyelelediwa ruri. Satane o tla bo a etse ruri. A bo batho ba ba ratang Modimo ba tla itumela jang ne!

Gone jaanong, tswelela o ithuta mo go oketsegileng ka Jehofa le ka melao ya gagwe. * Ipone o le teng fa go tla bo go twe, “Satane ga a yo!”

^ ser. 8 Fa e le gore papetlana ya selefera e go buiwang ka yone ke denario ya kwa Roma, palo ya yone e ne e ka lekana le tuelo ya letsatsi ya badiri ba ba tlwaelegileng ba le 50 000—madi a mantsi eleruri!

^ ser. 11 Fa o batla tshedimosetso e e oketsegileng ka Satane le bodimona, bona kgaolo 10 mo bukeng ya Totatota Baebele e Ruta Eng? Kopa mongwe wa Basupi ba ga Jehofa gore a go neye khopi ya yone.