Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGANG YA BOTSHELO

Boswa jo bo Fetiseditsweng mo Dikokomaneng Tse Supa

Boswa jo bo Fetiseditsweng mo Dikokomaneng Tse Supa

Batho ba re ke tshwana le rre ka tsela e ke emang ka yone, ka matlho le tsela e ke tshegang ka yone. Mme o ne a fetisetsa letlotlo la botlhokwa mo dikokomaneng di le supa tsa lelapa la gaetsho. Mma ke tlhalose.

Nna le rre re ithuta ka boswa jwa lelapa la rona

Rremogologolwane e bong Thomas (1) * Williams o ne a tsholelwa kwa Horncastle, kwa Engelane ka January 20, 1815. Morago ga dingwaga di le pedi, mmaagwe o ne a tlhokafala mme ene le bomonnawe ba le bararo ba ne ba godisiwa ke rraabone e bong John Williams. John o ne a ruta Thomas go betla, mme Thomas o ne a dira tiro e sele.

Bodumedi bo ne bo setse bo anama mo Engelane yotlhe. Moruti John Wesley o ne a tlogela Kereke ya Engelane mme a tlhoma Kereke ya Wesele e leng setlhopha se se neng se tlhomile mogopolo mo go ithuteng Baebele le go rera. Dithuto tsa ga Wesley di ne tsa anama ka bonako e bile boora Williams ba ne ba di ngangatlela. Thomas o ne a nna moreri yo o latelang Wesley mme ka bonako fela a ithaopela go nna morongwa kwa South Pacific. Ka July 1840, ene le mosadi wa gagwe Mary, (2) ba ne ba ya kwa Setlhaketlhakeng sa Lakeba * kwa Fiji, e leng setlhaketlhake se se nnileng teng ka ntlha ya lekgwamolelo kwa go neng go nna batho ba ba jang batho.

GO TSHELA LE BATHO BA BA JANG BATHO

Ka dingwaga tsa bone tsa ntlha kwa Fiji, Thomas le Mary ba ne ba itshokela dinako tse di boima. Ba ne ba bereka diura tse dintsi mo maemong a a thata le mo mogoteng wa kwa boboatsatsi. Ba ne ba lebana le dilo tse di utlwisang botlhoko—dintwa tsa semorafe, go bolawa ga batlholagadi ka go ba kgama, go bolawa ga masea le go jewa ga batho—e bile batho ba ne ba sa reetse molaetsa wa bone. Mary le morwawe wa leitibolo e bong John, ba ne ba lwala thata mo ba neng ba tloga ba swa. Ka 1843, Thomas o ne a kwala jaana: “Ke ne ke imetswe. . . . E bile ke tlaletswe.” Le fa go ntse jalo, tumelo e ene le Mary ba neng ba na le yone mo go Jehofa Modimo e ne ya ba nonotsha gore ba itshoke.

Fa nako e ntse e tsamaya, Thomas o ne a dirisa bokgoni jwa gagwe jwa go dira ka logong ka go aga ntlo ya ntlha ka tsela ya Bayuropa kwa Fiji. Bodilo jwa ntlo eno bo ne bo tsholetsegile, bo kgona go tsenya phefo kwa tlase e bile bo na le dilo tse dingwe tse di kgatlhang tse di neng tsa ngoka Ba-Fiji ba mo lefelong leno. Pele ga ntlo e fela, Mary o ne a tshola morwa wa bone wa bobedi e bong Thomas Whitton (3) Williams.

Ka 1843, Thomas Williams o ne a thusa ka go ranolela Efangele ya ga Johane mo puong ya Se-Fiji e leng tiro e e neng e se motlhofo. * Le fa go ntse jalo, e ne e le moithutabatho yo o nang le bokgoni jwa go lemoga dilo dingwe. O ne a kwala dipatlisiso tse a di dirileng mo bukeng ya gagwe ya Fiji and the Fijians (1858), e e buang ka botshelo jwa manobonobo jwa Ba-Fiji mo lekgolong la bo19 la dingwaga.

E re ka Thomas a ne a bereka thata ka dingwaga di le 13 kwa Fiji, o ne a lwala thata mme ene le lelapa la gagwe ba fudugela kwa Australia. Morago ga lobaka lo loleele Thomas a itsege e le moruti, o ne a tlhokafala kwa Ballarat, Victoria, ka 1891.

“GAUTA” KWA BOPHIRIMA

Ka 1883, Thomas Whitton Williams le mosadi wa gagwe e bong Phoebe, (4) ba ne ba fudugela kwa Perth kwa Bophirima Jwa Australia. Ngwana wa bone wa bobedi e bong Arthur Bakewell (5) Williams, yo le ene e leng rremogolo, o ne a na le dingwaga di le robongwe ka nako eo.

Fa Arthur a na le dingwaga di le 22, o ne a bona sengwe sa botlhokwa kwa Kalgoorlie, torotswana ya moepo wa gauta o o dikilometara di le 600 kwa botlhaba jwa Perth. Fa a le koo o ne a bala dikgatiso dingwe tsa Baithuti ba Baebele, jaaka Basupi ba ga Jehofa ba ne ba bidiwa ka nako eo. Gape o ne a amogela dimakasine tsa Zion’s Watch Tower ka metlha. E re ka Arthur a ne a kgatlhilwe ke se a neng a se bala, o ne a simolola go bolelela batho ba bangwe se a se ithutileng le go tshwara dipokano tsa go ithuta Baebele. Tiro e kgolo ya Basupi ba ga Jehofa e e dirwang kwa Bophirima Jwa Australia gompieno, e simologile jalo.

Gape Arthur o ne a bolelela ba lelapa la gagwe se a neng a se ithuta. Rraagwe e bong Thomas Whitton o ne a mo ema nokeng fa a ntse a ithuta le Baithuti ba Baebele, mme go ise go ye kae Thomas Whitton o ne a tlhokafala. Mmaagwe e bong Phoebe le bokgaitsadie e bong Violet le Mary, le bone ba ne ba nna Baithuti ba Baebele. Violet o ne a nna moreri wa nako e e tletseng kgotsa mmulatsela. Arthur a re Violet e ne e le “mmulatsela yo o molemo, yo o matlhagatlhaga le yo o tlhoafetseng go gaisa botlhe kwa Bophirima Jwa Australia.” Arthur a ka tswa a ne a feteletsa dilo, mme tlhagafalo ya ga Violet e ile ya tlhotlheletsa kokomana e e neng ya latela ya boora Williams.

Fa nako e ntse e tsamaya, Arthur o ne a nyala a bo a fudugela kwa Donnybrook, torotswana ya maungo e e kwa borwabophirima kwa Bophirima Jwa Australia. Fa a le koo o ne a bidiwa “Setsenwa sa Motsofe sa 1914!” ka go bo a ne a rera ka tlhagafalo ka boporofeti jwa Baebele jo bo buang ka ngwaga oo. * Batho ba ne ba kgaotsa go mmitsa jalo fa Ntwa ya Lefatshe I e runya. Gantsi Arthur o ne a rerela batho ba ba neng ba tla go reka mo lebenkeleng la gagwe e bile o ne a baya dikgatiso tsa Baebele mo fensetereng gore batho ba di bone. Gape go ne go na le letshwao le le reng motho a ka newa diponto di le 100 fa a ka ntsha bosupi jwa thuto ya Tharonngwe—e leng thuto e Arthur a neng a e kgala e e sa tlhageng mo Baebeleng. Ga go ope yo o neng a kgona go dira seo.

Legae la boora Williams e ne ya nna lefelo la go tshwara thuto ya Baebele ya setlhopha le dipokano tsa phuthego kwa Donnybrook. Moragonyana Arthur o ne a aga Holo ya Bogosi kgotsa lefelo la dipokano mo toropong, nngwe ya tsa ntlha kwa Bophirima Jwa Australia. Tota le mo dingwageng tsa gagwe tsa bo70 o ne a sa ntse a apara sutu, a bofa thae a bo a palama pitse ya gagwe e e bidiwang Doll a rera gaufi le kgakala mo kgaolong ya Donnybrook.

Sekao sa ga Arthur yo o neng a tlhoafetse mme a didimetse e bile a na le seriti, se ne sa ama bana ba gagwe. Morwadie e bong Florence (6) o ne a nna morongwa kwa India. Bomorwawe e bong Arthur Lindsay (7) le Thomas, ba ne ba nna bagolwane ka lobaka lo loleele mo phuthegong fela jaaka rraabone.

DIAPOLE TSA GA LADY WILLIAMS

Rremogologolwane e bong Arthur Lindsay Williams o ne a itsiwe e bile a ratiwa ka gonne a le bonolo. Ka metlha o ne a ipha nako ya go nna le batho e bile a ba tlotla. Gape o ne a nna mogaka wa go dirisa selepe. Mo dingwageng di le 12 fela o ne a gapa sekgele ka makgetlo a le 18 mo dikgaisanong tsa go rema legong tsa mo kgaolong ya bone.

Le fa go ntse jalo, Arthur ga a ka a itumela fa morwawe wa dingwaga di le pedi e bong Ronald (8) (rremogolo), a rema setlhare se sennye sa apole se se neng se le gaufi le ntlo ya bone. Mmaagwe Ronald o ne a se bofa mme kgabagare sa ungwa diapole tse di botshe. Go ne ga dirwa se Lady Williams a neng a se dira go tlhagisa mefuta e mengwe ya diapole tse di jaaka Cripps Pink, e leng mongwe wa mefuta e mentsi ya diapole e e itsegeng thata mo lefatsheng.

Moragonyana, Ronald kgotsa Ntate, jaaka ke mmitsa, o ne a dira ditiro dingwe tsa botlhokwa. Ene le Mmèmogolo ba ne ba ithaopela go dira mo diporojekeng tsa kago tsa Basupi kwa Australia le kwa Ditlhaketlhakeng Tsa Solomon. Gone jaanong Ntate yo o nang le dingwaga di ka nna 80, e sa ntse e le mogolwane mo phuthegong gape o thusa ka go aga le go tlhabolola Diholo Tsa Bogosi kwa Bophirima Jwa Australia.

GO TLHOKOMELA BOSWA JWA ME

Batsadi ba me e bong Geoffrey (9) le Janice (10) Williams, ba ne ba tlhokomela boswa jwa lelapa la gaetsho ka go dira ka natla go ruta nna (12) le kgaitsadiake e bong Katharine (11) go tshela ka melaometheo ya Bokeresete. Fa ke le dingwaga di le 13 ke ne ka simolola go atamalana le Jehofa. Fa ke le kwa kopanong ya Basupi ke ne ka utlwa John E. Barr, leloko la Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa, a kgothatsa basha jaana: “Lo se ka lwa senya selo se se tlhwatlhwakgolo se lo nang le sone—tshiamelo ya go itse le go rata Jehofa.” Ke ne ka ineela mo go Jehofa mo go jone bosigo joo. Dingwaga di le pedi morago ga moo ke ne ka simolola go nna mmulatsela.

Gompieno, nna le mosadi wa me Chloe, re itumelela go rera ka nako e e tletseng kwa Tom Price, torotswana e e kwa thoko ya moepo kwa bokonebophirima kwa Bophirima Jwa Australia. Re dira tiro ya nakwana gore re itlamele. Batsadi ba me le kgaitsadiake Katharine le monna wa gagwe, Andrew ke babulatsela kwa Port Hedland e e dikilometara di ka nna 420 kwa bokone. Nna le rre re bagolwane mo phuthegong.

Rremogologolwane e bong Thomas Williams yo go neng ga tla dikokomana tse supa morago ga gagwe, o ne a ikemiseditse go direla Jehofa Modimo. Boswa joo jwa tumelo le tirelo bo fetiseditswe mo go nna. Ke leboga tota go bo ke na le boswa jo bogolo jalo jwa go nna le kamano e e molemo le Modimo.

^ ser. 5 Dinomoro di tsamaisana le batho ba ba mo ditshwantshong tse di latelang

^ ser. 6 Se pele se neng se bidiwa Setlhaketlhake sa Lakemba, se se kwa Ditlhaketlhakeng tsa Lau kwa botlhaba jwa Fiji.

^ ser. 10 Morongwa John Hunt o ne a ranola bontsi jwa Tesetamente e Ntšha e e neng ya gatisiwa ka 1847. Thanolo eo e itsege ka go dirisa leina la Modimo “Jiova” mo go Mareko 12:36, Luke 20:42 le Ditiro 2:34.

^ ser. 16 Bona setlhogo sa dintlha tse di oketsegileng se se reng “1914—Ngwaga o o Botlhokwa Thata mo Boporofeting Jwa Baebele” mo bukeng ya Totatota Baebele e Ruta Eng? e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa e bile e le teng mo Internet mo www.ps8318.com/tn.