Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGANG YA BOTSHELO JWA GA IRMA BENTIVOGLI

Go Direla Modimo Yo o Re Nayang “Mpho Nngwe le Nngwe e e Molemo”

Go Direla Modimo Yo o Re Nayang “Mpho Nngwe le Nngwe e e Molemo”

 Go ne go na le modumo o o kwa godimo o o neng o re tsibosa gore bomo e tloga e thunya. Mama o ne a mphamola a kukile nnake yo o nang le dikgwedinyana fela, re bo re siela ka fa tlase ga ditlhare tse di gaufi. Ka nako eo, ke ne ke na le dingwaga di le thataro fela.

 Fa dibomo di se na go thunya, mama o ne a tsamaya le nna fa a ya go batla tsala ya gagwe. Re ne re utlwile botlhoko thata fa re utlwa gore o ne a tlhokafala ka nako ya tlhaselo. Malatsi a le mmalwa moragonyana go ile ga thunya dibomo tse dingwe gape, papa o ile a mphamola, a mpega mo baesekeleng a bo a e kgweetsa ka bonako gore re tswe mo toropong.

 Ntwa ya Lefatshe ya Bobedi e ne e sentse fela thata kwa Italy mme le gompieno ke sa ntse ke gopola sentle dilo tse di neng di direga ka nako eo. Mme gone selo se se neng sa nthusa thata mo botshelong ke gore go tloga fa ke sa le monnye, ke ne ke tshela le batho ba ba neng ba itse Jehofa e bile ba mo rata fela thata.

Mpho ya go Itse Boammaaruri

 Ka mariga a 1936, dikgwedi di mmalwa pele ke tsholwa, papa o ne a bereka mo seporong le rre mongwe yo o bidiwang Vincenzo Artusi. Le fa gone Vincenzo e ne e ise e nne Mosupi wa ga Jehofa, o ne a rata boammaaruri fela thata. Fa ba ntse ba berekana le go ntsha kapoko mo seporong, Vincenzo o ne a bolelela papa ka dilo tse a neng a di ithuta.

 Ka yone nako eo, papa o ne a lemoga gore se Vincenzo a neng a se bua ke boammaaruri. Ene le batho ba le mmalwa mo Faenza (toropo nngwe kwa Italy), ba ne ba batla go ithuta mo go oketsegileng. Ka nako eo go ne go na le dipogiso, ka jalo Basupi ba ne ba sa kgone go tshwara dipokano, mme motho o ne a ka tshwarwa fa a ne a ka fitlhelwa a tshwere dikgatiso tsa Baebele. Basupi bangwe ba ne tshwerwe. Ka jalo, papa le ditsala tsa gagwe ba ne ba kopanela kwa matlong a a kwa kgakala kwa magaeng gore ba bale Baebele le dikgatiso tse ba neng ba na le tsone. Beke nngwe le nngwe maitseboa, papa o ne a tshwarela lelapa la rona thuto ya Baebele.

Mpho ya go Nna le Ditsala Tse di Molemo

 Ka 1943, bontsi jwa Basupi ba ba neng ba tshwerwe ka ntlha ya se ba se dumelang, ba ne ba gololwa. Mongwe wa bone e ne e le kgaitsadi yo o sa nyalwang e bong, Maria Pizzato. Bosigo jwa fa Maria a ne a boela ga bone kwa bokone jwa Italy, o ne a robala kwa gae. O ile a nna le seabe se segolo mo go thuseng Basupi go amogela dikgatiso le go buisana le ofisi ya lekala la Switzerland, le le neng le tlhokometse tiro ya go rera kwa Italy ka nako eo. Le fa gone Maria a ne a lebega e kete o bokoa e ne e le mosadi yo o pelokgale. Morago ga ntwa o ne a tlhola a re etela kwa Faenza, mme ka metlha re ne re itumelela go mmona.

 Kgaitsadi yo mongwe yo ke sa nkeng ke mo lebala ke Albina Cuminetti. Fa ke le mo dingwageng tsa bosha, kgaitsadi yono wa motlholagadi o ne a nna mo kagong e re neng re tshwarela dipokano mo go yone. E ne e le morekisi wa dibuka (moreri wa nako e e tletseng) kwa Italy go tloga kwa masimologong a bo1920. Albina o ne a tlhola a mpolelela dikgang tse di kgatlhang tsa kafa tiro ya go rera e neng e dirwa ka gone mo dingwageng tseo!

 Albina o ne a na le bontsi jwa dikgatiso tsa rona le dilo dingwe tsa bogologolo. Letsatsi lengwe ke ne ka bona sekopelo sa sefapaano le korone se Baithuti ba Baebele (e leng tsela e Basupi ba ga Jehofa ba neng ba badiwa ka yone) ba neng ba tlhola ba se tsenya. Ke ne ke sa dumele se ke se bonang ka gonne ke ne ke itse gore sefapaano se ne se tswa mo bodumeding jwa maaka mme ke ile ka tshega go se kae. Albina o ne a bua sengwe se ke se kitlang ke se lebala. O ne a nopola Sekarea 4:10, a bo a re: “O se ka wa nyatsa letsatsi la dilo tse di simologileng di le dinnye!”

Fa ke le dingwaga di le 14

 Se a neng a se bua se ne sa nthuta thuto ya botlhokwa tota. Le fa gone Baithuti ba Baebele ba ne ba ise ba nne le kitso e e kalo ka boammaaruri, ke ne ke sa ntse ke tlhoka go ba tlotla. Gape e re ka dikgatiso dingwe di ne di seo ka Se-Italy, go ne go tsaya nako gore bakaulengwe ba itse tsela e ntšha e dilo di tlhaloganngwang ka yone. Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a anaanela matsapa a bone, ka jalo le nna ke ne ke tshwanetse go dira jalo.

 Le fa gone ke ne ke le monnye thata mo go Albina, ke ne ke itumelela go tlotla le ene. Le fa gone Albina, Maria, le bokgaitsadi ba bangwe ba ba neng ba direla Jehofa ka boikanyegi ba ne ba lebana le dikgwetlho tse dikgolo, ke ne ke batla go etsa sekao sa bone. Ke lebogela tshono ya go bo ke ile ka nna tsala ya bone.

Mpho ya go Direla Kwa Bethele

 Ka selemo sa 1955, ke ne ka ya kopanong ya setlhogo se se reng, “Bogosi jo bo Fenyang” kwa Rome. Fa ke le koo, ke ne ka etela Bethele ke na le bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba tswang kwa dinageng tse dingwe. Ke ne ka re, ‘Go ka nna monate go direla kwano!’

 Ke ne ka kolobediwa ka di 18 tsa December, 1955. Ke ne ke sa ntse ke tsena sekolo mme gone ke ne ke batla go tsenela tirelo ya nako e e tletseng. Ka 1956, kwa kopanong e e neng e tshwaretswe kwa toropong ya Genoa, go ne ga dirwa kitsiso ya gore go tlhokega baithaopi kwa Bethele. Le fa go ntse jalo, moemedi wa lekala o ile a re ga go tlhokege bokgaitsadi kwa Bethele.

 Moragonyana, ke ne ka bua le molebedi wa potologo yo o bidiwang, Piero Gatti, a ka mekgele ya me. Mokaulengwe yono yo o tlhagafetseng o ne a nthaya a re, “Ke tla go buelela gore ba go dire mmulatsela yo o kgethegileng.”

 Fa nako e ntse e ya ke ne ka amogela lekwalo go tswa kwa lekaleng. Ke ne ke akanya gore ke newa kabelo ya go nna mmulatsela, mme go ne go sa nna jalo. Lekwalo leo le ne le re ke tsenye kopo ya go ya go direla kwa Bethele!

Ke na le Ilaria Castiglioni (o eme ka dinao), moranodi mmogo le nna kwa Bethele ka 1959

 Ke ne ka goroga kwa Bethele ka January 1958. Ka nako eo kwa Bethele, go ne go direla batho ba le 12 fela. Ke ne ka newa kabelo ya go thusa baranodi ba babedi kwa lekaleng. Go ne go na le tiro e ntsi mme ke ne ke se na maitemogelo a go ranola. Mme Jehofa o ne a nthusa gore ke rate kabelo ya me.

 Mme gone, pele ga dingwaga tse pedi di wela, tiro ya thanolo e ne ya rulaganngwa sesha mme ke bo ke newa kabelo ya go nna mmulatsela gape. Ke ne ke gakgametse ka gonne ka nako eo ke ne ke setse ke itumelela go direla kwa Bethele. Mme fa nako e ntse e ya, ke ne ka leba kabelo ya me e le mpho e nngwe e e tswang kwa go Jehofa.

Mpho ya go Rera le Ditsala Tse di Ratang Jehofa

 Ka di 1 tsa September 1959, ke ne ka simolola go nna mmulatsela yo o kgethegileng kwa toropong ya Cremona. Kgaitsadi yo ke neng ke bulatsela le ene e ne e le Doris Meyer, yo o tswang kwa Denmark. O ne a mpheta ka dingwaga di le mmalwa mme gone a na le maitemogelo a mantsi, mme ke ne ke ithuta go le go ntsi mo go ene. Doris o ne a le pelokgale e bile a sa tshoge-tshoge fela. E ne e le rona fela Basupi mo toropong eo yotlhe, ka jalo re ne re tlhoka go nna le dinonofo tseo.

Ke ithutile go le go ntsi mo go Doris (yo o mo molemeng) le Brunilde (yo o mo mojeng), ba ke neng ke bulatsela mmogo le bone kwa Cremona

 Doris o ne a goroga mo Cremona pele ga me, ka jalo o ne a rulaganya gore go tshwarwe dipokano mo lefelong le le neng le hirisitswe. Baruti ba Katoliki ba mo lefelong leo ba ne ba lemoga se re neng re se dira ba bo galefa le go tlhagisa batho ka rona mo ditherong tsa bone.

 Letsatsi lengwe re ne ra bilediwa kwa seteishene sa mapodise. Ga ba a ka ba re tshwara mme ba ne ba re Doris a tswe mo Cremona ka gonne e le motswakwa. O ne a boela kwa Denmark mme a tswelela a direla Jehofa ka boikanyegi a le koo.

 Go ise go ye kae kgaitsadi mongwe yo o bodiwang, Brunilde Marchi, o ne a abelwa go tla go direla mo Cremona. Brunilde o ne a le bonolo, a na le botho jo bo rategang e bile a rata tiro ya go rera. Re ne ra simolola go ithuta Baebele le batho bangwe mme bangwe ba bone ba ne ba gatela pele.

 Ke leboga Jehofa go bo a nneile tshono ya go nna mongwe wa batho ntlha ba ba neng ba thusa gore tiro ya go rera e dirwe mo Cremona. Gompieno go na le diphuthego di le tlhano mo toropo eo!

Dikgang Tse di Monate Tse ke Neng Ke sa Di Lebelela

 Pele ga dingwaga tse pedi di wela ke le kwa Cremona, ofisi ya lekala e ne ya nteletsa. Go ne go na le tiro e ntsi ya go ranola e e neng e tshwanetse go dirwa e le go baakanyetsa kopano ya malatsi a le marataro ya setlhogo se se reng, “Baobamedi ba ba Utlwanang”, e e neng e tshwerwe ka July 1961. Ka jalo, ke ne ka kopiwa go tla go direla gape mo Bethele. Ke ne ka tlolatlola ke itumetse! Ke ne ka boela kwa Bethele ka February 1, 1961.

 Letsatsi le letsatsi re ne re bereka diura di le dintsi, mme gone ke ne ke itumelela go nna ke tshwaregile ka go ranola dikgatiso tse di theilweng mo Baebeleng. Dikgwedi tseo di ile tsa tsamaela ka bonako, mme go ise go ye kae ene e setse e le nako ya kopano.

 Mo go yone kopano eno ke ne ka utlwa kitsiso ya gore Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika e ne e tlile go ranolelwa mo puong ya Se-Italy. Ke ne ka re, ‘Go raya gore go tlile go nna le tiro e ntsi.’ Mme seo e ne e le boammaaruri. Bakaulengwe ba ne ba mpolelela gore ke ne ke tlile go nna kwa Bethele lobakanyana. Tota e bile, go setse go fetile dingwaga di le 60 ke direla mo Bethele!

Kwa Lefapheng la Thanolo, ka 1965

Dimpho Tse Dingwe Tse di Tswang Kwa go Jehofa

 Mpho e nngwe e ke itumeletseng yone ke go nna ke sa nyalwa. Ga se gore ga ke ise ke akanyetse go nyalwa. Tota e bile, ka dinako dingwe ke ne ke tlhola ke tlhobaela fa ke akanya ka go nna ke sa nyalwa. Ka jalo, ke ne ka bolelela Jehofa ka kgang eno. O nkitse go feta ope fela. Ke ne ka mo kopa gore a nthuse go tlhaloganya gore ke eng se se ntshiametseng.

 Ke ne ka simolola go rata ditemana tse di jaaka, Mathaio 19:11, 12 le 1 Bakorintha 7:8, 38 mme ke ne ka leboga Jehofa go bo a ile a nthusa go nna le kagiso ya mogopolo. Ga ke ikwatlhaele tshwetso e ke e dirileng, mme ke itumelela gore ke kgonne go dirisa nako ya me ke ise ke nyalwe go direla Jehofa ka botlalo.

 Fa dingwaga di ntse di ya, ke ne ka bona diphetogo tse dintsi mo tirong ya Lefapha la Thanolo, fa phuthego ya ga Jehofa e ntse e dirisa dilo tse disha tsa setegeniki le “dithoto tsa ditšhaba.” (Isaia 60:5) Diphetogo tseno di ile tsa nonotsha kutlwano ya bakaulengwe mo lefatsheng lotlhe. Ka sekai, ka 1985 makasine wa Tora ya Tebelo ka Se-Italy le Seesemane o ile wa simolola go gatisiwa ka nako e le nngwe. Gompieno, bontsi jwa ditlhogo le dibidio di gone mo jw.org ka dipuo tse di farologaneng mme bontsi jwa tsone di tlhagelela ka nako e le nngwe le tsa puo ya Seesemane. Ruri Jehofa o dira gore batho ba gagwe ba nne seoposengwe le go bona dikgatiso tse di tla ba thusang go nonotsha kamano ya bone le ene ka nako e e siameng.

 Jehofa o nkabetse dimpho tse dintsi. O letlile gore ke itumelele bodiredi jo bo nang le matswela ke le mmulatsela yo o kgethegileng. O kgotsofaditse keletso ya me ya go direla kwa Bethele, mme fa ke le koo, ke ne ka dira ditsala le batho ba dingwaga tse di farologaneng le ba ba godisitsweng ka ditsela tse di sa tshwaneng. Mo godimo ga moo, Jehofa o ne a ntshegofatsa ka tsela e nngwe gape e e kgethegileng, ka go dira gore ke bone fa mmê a kolobediwa a na le dingwaga di le 68. Ke tlhologeletswe go bona ene le ba lelapa la me fa ba tla bo ba tsosiwa mo mabitleng.—Johane 5:28, 29.

 Ke lebile pele go bona se Jehofa a tla se direlang batlhanka ba gagwe fa a tla bo a “dira dilo tsotlhe disha.” (Tshenolo 21:5) Ke tlhatswegile pelo gore Jehofa ga a kitla a emisa go re naya “mpho nngwe le nngwe e e molemo le neo nngwe le nngwe e e itekanetseng.”—Jakobe 1:17.

Ke bereka le ba Lefapha la Thanolo gompieno

a Kgang ya botshelo jwa ga Piero Gatti e gatisitswe mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa July 15, 2011, tsebe 20-23.