Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KAFA MENEELO E DIRISIWANG KA GONE

Dikolotsana Tsa Dikgatiso di ‘Naya Bosupi mo Ditšhabeng Tsotlhe’

Dikolotsana Tsa Dikgatiso di ‘Naya Bosupi mo Ditšhabeng Tsotlhe’

APRIL 1, 2023

 Go fetile dingwaga di le lesome re dirisa dikolotsana tsa dikgatiso mo bodireding, mme batho ba le bantsi ba a di rata. Go ralala lefatshe batho botlhe ba ba bonang dikolotsana tseno ba a itse gore ke tsa Basupi ba ga Jehofa. Dikolotsana tseno di a kgatlha e bile go motlhofo go di dirisa. Gongwe o ka dumalana le se kgaitsadi wa kwa Poland yo o bidiwang Asenata a se buang, a re: “Tsela e di dirilweng ka yone ga e a raraana mme gone e a kgatlha. Go motlhofo go di dirisa e bile o ka ya gongwe le gongwe ka tsone.”

 A o kile wa ipotsa gore di dirilwe jang?

Go Motlhofo go di Dirisa

 Ka 2001, Setlhopha se se Laolang se ile sa letlelela bakaulengwe le bokgaitsadi ba kwa France gore ba lekeletse mefuta e e farologaneng ya go rera phatlalatsa, go akaretsa le go rera ka dikolotsana. Ka sekai ba ile ba phasalatsa dikgatiso ka dibeke tsa diaparo, di-trolly tse di tsenyang dijo le go di boloka mo go tsone. Kwa bofelong, lekala la kwa France le ile la swetsa ka gore go dirisiwe mofuta o le mongwe wa dikolotsana o baboledi ba ileng ba o dirisa ka dingwaga di le dintsi.

Dikolotsana tsa ntlha tsa dikgatiso kwa, France ka 2005

 Bakaulengwe ba kwa France ba ne ba itumeletse go bo ba ile ba lekeletsa mokgwa ono wa go rera. Ka jalo, ka 2011, Setlhopha se se Laolang se ile sa letlelela gore go dirisiwe mokgwa ono o mosha wa go rera kwa New York kwa U.S.A., go dirisiwa dikolotsana le ditafole. Ka bonako fela babulatsela ba ile ba lemoga gore go motlhofo go dirisa dikolotsana tseno le go tsamaya ka tsone. Ba ile ba bo ba tla ka dikakantsho tsa gore di tokafadiwe jang. Dikolotsana tsa ntlha tse di neng di dirilwe, go ne go se motlhofo go palama le go fologa ditepisi ka tsone ka gonne di ne di le boima. Go ile ga dirisiwa mokgwa o mongwe go di dira gore di se ka tsa nna bokete mme gone di se motlhofo thata mo di ka tsewang ke phefo. Mokgwa ono o mosha wa go di dira o ne o akaretsa go di tsenya maotwana a makimanyana a raba a a dirang gore go nne motlhofo go di goga mo ditseleng tse di matlapa. Mo godimo ga moo di ne tsa dirwa gore di kgone go tsenya dikgatiso tse di oketsegileng kwa morago.

 Letsholo leno le ne la atlega! Ka jalo, ka 2012, Setlhopha se se Laolang se ile sa swetsa ka gore bakaulengwe le bokgaitsadi ba dirise dikolotsana tseno mo lefatsheng lotlhe. Go ile ga rulaganngwa le khampani nngwe gore e dire dikolotsana tseno ka bontsi e dirisa dilo tse di seng boima mme di sa senyege ka bonako.

 Fa dingwaga di ntse di ya, dikolotsana tseno di ne tsa nna di tokafadiwa. Ka sekai, ka 2015, di ile tsa direlwa dipolasetiki tse di sireletsang dikgatiso gore di se ka tsa koloba fa pula e na. Dina yo o nnang kwa Georgia o kgatlhiwa ke polasetiki eno fela thata. A re: “Go ntse jaaka e kete kolotsana eno e apere ‘raincoat’.” Ka 2017, di ne tsa direlwa di poster tse di nang le magnet. Mokaulengwe Tomasz yo o nnang kwa Poland, a re: “Go ne go tsaya nako tota go ntsha di poster tsa kgale tse di neng di ngaparisitswe o bo o tsenya tse disha. Ka jalo, kakantsho ya go dirisa di poster tse di nang le magnet e tsaya maemo a ntlha.” Tota le ka 2019 go ne go tsweletswe go dirwa diphetogo mo tseleng e go dirwang dikolotsana tseno ka yone gore di se ka tsa senyega ka bonako.

Go Dirwa ga Dikolotsana

 Dikolotsana tsa dikgatiso di dirwa ke khampani e le nngwe di bo di romelelwa diphuthego lefatshe ka bophara. Ga jaana tlhwatlhwa ya kolotsana e le nngwe ke R798.00, go sa balelwe ditshenyegelo tsa go e romela. Go tla go fitlha ga jaana go dirisitswe madi a a kana ka, R296 672 000.00 mo dikolotsaneng di feta 420 000 tse di ileng tsa romelwa mo diphuthegong lefatshe ka bophara.

 Gore meneelo e kgone go dirisiwa sentle dikolotsana di rekwa ka bontsi ka nako e le nngwe. Mo godimo ga moo, diphuthego di letleletswe gore fa dikolotsana di senyegileng, ba kope dikarolwana tse disha go na le go kopa dikolotsana tse disha.

Go Neela Bosupi ka Dikolotsana

 Lefatshe ka bophara baboledi ba itumelela go dirisa dikolotsana. Martina yo o nnang kwa Ghana, a re: “Mo dikarolong tse dintsi tsa bodiredi jwa rona ke rona re latelang batho. Se ke se ratang ka go neela bosupi ka dikolotsana ke gore batho ba latela rona. Tota le batho ba ba fetang ka tsela ba bona bosupi.”

 Kwa nageng nngwe kwa Afrika monna mongwe yo o nnang kwa motseng o o bokgakala jwa dikilomitara di ka nna 500, o ile a atamela kolotsana ya dikgatiso mme a itseela dikgatiso ka puo ya gagwe. Morago ga beke o ne a boa, a bo a re, : “Ke badile dikgatiso tsele tsotlhe. Di na le molaetsa o o botlhokwa thata. Ke a go di tlotlela ba lapa la me kwa gae.” Morago ga dikgwedi tse pedi o ile a boa a bo a re: “Batho ba mo motseng ba badile dikgatiso tsele tsotlhe e bile ba di itumeletse. Ba batla go nna Basupi ba ga Jehofa. Mme gone, ba na le dipotso. Ka sekai, ba tlhaloganya gore fa ba batla go kolobediwa ba tshwanetse go inwa mo metsing. Mathata ke gore ga go na molapo gaufi le motse wa rona. A re tshwanetse go tla kwano fa re batla go kolobediwa?” Baboledi bano ba ne ba rulaganya gore monna yoo a kopane le mokaulengwe yo e leng mmulatsela yo o buang puo ya gagwe. Fa e sa le ka nako eo ba itumelela go tshwara thuto ya Baebele ka metlha.

 Go a itumedisa go bona kolotsana ya dikgatiso e dirisiwa ‘go neela bosupi mo ditšhabeng tsotlhe.” (Mathaio 24:14) Re duelela jang go dira dikolotsana? Ka meneelo e e ntshediwang tiro ya lefatshe lotlhe, e bontsi jwa yone e ntshiwang go dirisiwa donate.ps8318.com. Re lebogela bopelontle jwa lona.